Breaking News

Mapodisi ga a robatswe ke dipolaano tsa baratani

31 Jan 2016

Motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang, a re ga ba robatswe ke dikgang tsa baratani ba ba bolayang ba bangwe, mme morago le bone ba ikgapele matshelo.

Superintendent Badisang o buile mafoko a morago ga gore monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo wa kgotla ya Madiba a bolae mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro mo bosigong jwa Laboraro gaufi le sekole sa Madiba Senior Secondary.

A  re monna yoo, yo a kileng a dira mo sepodising sa Botswana e le lepodisi la nakwana kwa Mahalapye, mme jaanong e ne e le moithuti mo sekoleng sa ithutelo ditiro tsa diatla kwa Francistown, o bolaile mosadi yoo ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale mo molaleng, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa kwa masimong a Kainangwe.

Superintendent Badisang o tsweletse ka go tlhalosa fa mapodisi a begetswe tiragalo eo ke batho bangwe ba ba fitlhetseng serepa sa mosadi yoo se kgophaletse mo tseleng.  

Fa dikgang di eme jalo, dipego tse di tswang kwa Ramokgonami di bolela fa batho bangwe ba e neng e le baratani ba bolokilwe ka mafelo a beke kwa Palapye le Ramokgonami.  

Rre Kepaletswe Kenosi yo e leng mongwe wa masika a mosadi, o tlhalositse fa ngwana wa ga kgaitsadie a boloketswe kwa Palapye ka Sontaga fa wa monna ene a boloketswe kwa Ramokgonami gone ka Sontaga.

Monna yoo, o ne a bolaya moratiwa wa gagwe ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale kwa masimong a Ishashe gaufi le Ramopkgonami, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa.

Rre Badisang o ikuela mo barataning segolo jang ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go kopa dikgakololo mo batsading, dikgosi, mapodisi le badiri ba lephata la boipelego fa ba na le dikgotlhang mabapi le tsa marato ka jaana go bolaya ba bangwe le go ikgapela botshelo e se go rarabolola mathata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 31 Jan 2016