Borukutlhi bo gaketse kwa Khwee
31 Jan 2016
Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu, a re ba tshwentswe ke seemo sa borukutlhi kwa Khwee, meraka le dipolase tse di mo tikologong ya motse oo.
Superintendent Maphephu o buile jalo fa buisa phuthego ya kgotla kwa Khwee ka Laboraro a tlhalosa fa banni bangwe ba motse oo ba nwa bojalwa phetelela e bile ba goga motokwane.
Rre Maphephu a re tiriso e ya ditagi e baka borukutlhi jaaka dipetelelo, dipolao, dititeo le tiriso botlhatswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase .
Supt Maphephu a re go utlwisa botlhoko ka gore bontsi jwa nako borukuthi jo bo amang bana bo a diragala mme bo sa begelwe mapodisi.
O ne a ba lemosa gore go dira borukutlhi bope fela ke molato o motho a ka o tsenelang kgolegelo.
Rre Maphephu a re ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha ba ne ba boloditse letsholo kwa motseng oo go laola seemo sa tiriso ya dino, mme ga go a nna le dintsho dipe.
A re e rile fela morago ga letsholo le le wetsa tiro, seemo sa bo se boela kwa se neng se le teng mme ba begelwa polao le petelelo.
Superitendent Maphephu a re dititeo tse dingwe ga di begelwe mapodisi mme kwa bofelong di bake dintsho, a ba a kopa gore ba bege borukutlhi ba seka ba buisana dikgang tse mo malwapeng.
Rre Maphephu a re maikaelelo a bone ke go bolotsa letsholo gape kwa motseng oo go ya go laola seemo sa dipoto tse di dirwang e se ka fa molaong le tiriso ya motokwane.
A re molao wa Botswana ga o letlelele dipoto, a tlholosa gore go letlelelwa batho go dira bojalwa jwa mabele, morula, khadi le setopoti mme motho o dira fela a kopile tetla mo go bo kgosi gape a sa dire malatsi otlhe.
E rile fa a amogela ba ba neng ba tsene phuthego, Kgosi Gagoitsewe Daowe wa Khwee, a bolela fa selelo segolo sa gagwe e le dipolaano tse di diragalang mo motseng wa gagwe, kwa maitisong le thekiso ya majalwa a a sa letlelelweng le motokwane.
Kgosi Daowe a re dipetelelo di bakwa ke gore basadi ba ya maitisong mme ba boe bosigo ba le nosi bangwe ba belege bana.
Mokhanselara wa Khwee, Rre Keetile Gobotswang a re seemo sa borukutlhi mo kgaolong ya gagwe ga se jese diwelang, a tlholosa gore ngwaga o o fetileng go ntse le dipolaano di le pedi, a tlhalosa fa ba setse ba na le polao ngwaga o santse o simolola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Jan 2016






