Breaking News

Tlhokomelang leruo

31 Jan 2016

Mopalamente wa kgaolo ya Good Hope-Mabule, Kgosi Lotlaamoreng, o gakolotse banni ba Hebron go tlhokomela leruo la bone.

Kgosi Lotlaamoreng o buile se mo phuthegong ya kgotla bosheng.

A re go botlhokwa thata go disa leruo go le thibela go tsena mo masimong.

O ne a bua se morago ga gore morafe o ngongorege thata ka barui bangwe ba ba tlogelang leruo la bone go tsena mo masimong.

O ne a re temo-thuo e botlhokwa ka jaana go na le Batswana ba ba beileng mo go yone go itshetsa, go tokafatsa matshelo a bone e bile e tokafatsa le yone itsholelo ya lefatshe tota.

A re ka jaana kgaolo ya Morolong e itsege ka serudomo sa temo, go botlhokwa thata go tsweledisa serodumo seo le fa ntswa dipula di le boutsana. 

Kgosi Lotlaamoreng, o ne a tlhalosa fa a itse seemo sa kgaolo ya Morolong sa go tlhoka lefatshe se se dirileng gore ba felele ba bapisa masimo, meraka le magae a bone, mme se se tsosa diemo tse di tshwanang tsone tsa gore diruiwa di bo di senya mo masimong.

Kgosi Lotlaamoreng, o ne a gakolola banni ba Hebron gape gore ba leke go sala morago leruo la bone le le timelelang kwa metseng e mengwe.

A re go le gantsi batho ba metse e mengwe ba kuela leruo le ba sa le itseng, mme go sena bape ba ba supang fa leruo, bogolo jang dikgomo tseo e le tsa bone, mme di felele fela kwa matimeleng.

A re go le gantsi dikgomo tse, di felela gape di tlola terata ya molelwane wa Botswana le lefatshe la Afrika Borwa mme go nne thata mo go beng ba leruo leo go le bona fa le setse le tlodile terata.

Fa a tswa la gagwe Kgosi Aobakwe Pheto o ne a re le fa go nnile le leuba mo selemong se se fetileng, gompieno ba lekile ka bojotlhe go lema ka jaana go ne ga nna le dipula tse di solofetsang ngwaga o o fetileng o ya fifing.

Kgosi Pheto a re  le fa erile ngwaga o simologa ga nna mogote o o kwa godimo, ba ntse ka tsholofelo gore  go tlaa na dipula tse di tla tlhogisang dijwalo tsa ba e leng gone ba lemang di bo di godisa tse di setseng di tlhogile.

Mo go tse dingwe, banni ba Hebron ba ne ba supa fa ba ngongoregela phatlalatso ya motlakase mo motseng wa bone, ba tlhalosa fa go lebega e sa tsamaya sentle.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Walker Kegakilwe, o ne a tlhalosa fa motlakase o sale e rile fa o tsenngwa mo motseng ka ngwaga wa 1995, o bo o gokelwa fela fa gare ga motse, mme o sa gokelwa go phatlalala le motse otlhe. Rre Kegakilwe o ne a tlhalosa fa se, se babalela ba ba nnang kwa letlhakoreng la motse ka jaana go le thata mo go bone go gokela motlakase.

O ne a ngongorega gape ka dituelo tse di simolotseng go amogedisiwa ba-na-le bogole a tlhalosa fa ba sa le ba kwadisediwa dikatso tseo, mme nako kgolo ke eno, le fa e le yo mongwefela a ise a bone dikatso.

O ne gape a ngongorega ka gore ga gona thulaganyo le tlhaloso e e tsepaeng ka mananeo a puso, ka jalo go le thata mo banning ba motse go a tlhaloganya.

Rre Kegakilwe o ne a tlhalosa fa se, se dira gore banni ba seka ba tsaya le go dirisa mananeo a leng teng a puso go tokafatsa matshelo a bone.

Monni wa motse, Mme Phokojane Lechuti o ne a tlhalosa fa tse tsotlhe di bakiwa ke bodiredi jwa puso mo kgaolong le mo motseng wa Hebron jo bo maoto a tshupa. Mme Lechuti o supile fa bodirelapuso bo le boitseme mo tirong, se se felelang se baka gore banni ba seka ba itse ditsamaiso dingwe sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segametsi Kebonang

Location : Hebron

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 31 Jan 2016