Sekoma o tlaa tlhopha moemedi
28 Jan 2016
Tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o ntshitse taelo ya gore go tshwarwe ditlhopho tsa poeletso tsa bokhanselara kwa kgaolwaneng ya botlhophi kwa Sekoma mo kgaolong ya botlhophi ja Jwaneng- Mabutsane.
Bo ntlhopheng ba kopiwa go isa maina a bone kwa go motsamaisa ditlhopho kgwedi ya Tlhakole ele lesome le bobedi kwa Sekoma Primary School.
Maina a tlaa amogelwa go tswa ka nako ya boferabongwe mo mosong go tsena ka nako ya bongwe motshegare, le go tswa ka nako ya masome a mararo a metsotso morago ga nako ya bobedi go tsena ka nako ya botlhano maitseboa.
Tlhopho epe e e ka tlhokang go tshwarwa e tla nna ka kgwedi ya Mopitlwe e tlhola ga thano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Mokwalo
Date : 28 Jan 2016






