Butale o akgola sepatela sa Masunga
28 Jan 2016
E ne ya re kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale a ipha matsapa a go etela sepatela sa Masunga.
Mopalamente Butale o ne a nna le sebaka sa go etela maphatana otlhe a sepatela le kwa balwetse ba robaditsweng teng tota.
Mo potsolotsong morago ga leeto la gagwe, mopalamente o ne a supa fa a itumedisitswe ke go bo sepatela seo se le phepha e bile badiredi ba sone ba iponatsa fa ba ikemiseditse go dira tiro ya bone ka manontlhotlho. O ne a akgola badiredi ba sepatela seo go bo ba itshupile fa ba dira tiro ya bone ka botswapelo le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho ka go farologana.
Rre Butale a re go a itumedisa ka jaana balwetse ba ba robaditsweng kwa sepateleng seo le ba ba neng ba emetse go tlamelwa ba ne ba supa fa ba bona thuso e e nametsang.
O boletse fa a bone go tshwanela gore morago ga go tsena mo ofising ka ngwaga wa 2014, a iphe matsapa a go lekola sepatela seo, a tlhalosa fa a dirile jalo ka go bo a ne a utlwa dingongorego dingwe.
Mo tekodisong ya gagwe, Dr Shepherd Mupa o ne a bolela fa ba lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka go tlhaela ga bodiredi, didirisiwa di tshwana dikoloi, tlhaelo ya matlo a boroko jwa bodiredi le tse dingwe fela jalo.
Dr Mupa o kaile fa mo nakong eno go na le badiri ba le masome a mararo le boferabobedi ba ba santseng ba emetse go abelwa matlo a boroko.
Le fa gontse jalo, ngaka o ne a lebogela go bo mo dikgweding tse thataro tse di sa tswang go feta ba ne ba segofadiwa ka badiredi ba le mmalwa ba mehama e e farologaneng ya kokelo eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Loeto
Date : 28 Jan 2016






