Breaking News

Badirela puso ba adima tshwene marapo

28 Jan 2016

Banni bangwe ba Maun ba supile ka monwana badirelapuso bangwe ba re ke bone ba phirimisang ditoro tsa go fitlhelela tebelopele ya lefatshe ka boitseme jwa bone.

Banni ba re bontsi jwa bodiredi jwa puso bo adimile tshwene marapo ka ba sa fe morafe ditlamelo jaaka go solofetswe.

Ba ikuetse jalo fa lekoko la tebelobele ya 2036 ba ne ba etetse banni go tsaya megopolo ya gore go ya pele ba eletsa lefatshe leno le ka fitlhelelang. 

Ba ne ba tlhalosa fa kgaolo ya bone e saletse morago mo ditlhabololong ka ntlha ya bodiredi jo bo gogang dinao mo tirong mme ba kopa gore go ya pele puso e beye sekale sa bodiredi jwa tlhotlhwa.

Banni ba re mafatshe a mangwe a gatetse pele ka jaana bodiredi jo bo sa ntsheng maduo bo kobiwa mo tirong fa mono puso e thubile kobo segole fela.

Batsadi bangwe ba ne ba lela ka ofisi ya banana ba re bana ba botabota koo go ikopela mananeo mme ga go nko e e tswang lemina. Ba supile fa banana bangwe ba tsere boitlhobogo e bile ba lwela ditiro tsa Ipelegeng le bagolo.

Mongwe wa banni yo e bileng e le monana, Mme Olebogeng Jane o ne a bua a sa kgale mathe ka mananeo a puso a a diretsweng go ba namola mo lehumeng a re go thata go ka a akola ka ntlha ya ditsamaiso.

O kopile puso go tlhofofatsa ditsamaiso gore mananeo ao a ntshe maduo a a solofetseng a tlatsa ka gore banana ka bontsi ba gobeya mo mebileng ka ntlha ya letlhoko la ditiro.

Mme Jane o ne a supa gape fa kgaolo ya Ngamiland e le ya bojanala ka jalo e tshabelelwa ke ditiragalo tsa borukutlhi ka ntlha ya diphologolo mme a kopa gore go ya pele, puso e leke ka bojotlhe go okeletsa ba sepodisi ditsompelo ga mmogo le bodiredi.

E ne ya re a ntsha megopolo ya gagwe, Rre Boitshoko Balekile a ngonorega ka go runya ga dikereke a supa fa kgwedi le kgwedi go simololwa kereke e ntsha. O kopile puso go tsenya kgang eo leitlho a re palo ya dikereke e tshwanetse go fokodiwa.

Mme Endani Chombo ene o ne a supa fa puso e sa fitlhelela tebelopele ya 2016 ka jaana ditlhopha dingwe jaaka banana, ba-na-le-bogole bogolo jang ba ba kwa dikgaolong ba ne ba sa akarediwa.

 O kopile gore jaaka go baakanyediwa tebelopele ya 2036 e akaretse batho botlhe le ba ba kgakala le ditlamelo tota.

Mme Peggy Ramaphane ene o ne a kopa gore go atolosiwe makgotla tshekelo a supa fa mo kgaolong ya Ngamiland ba na le tse pedi fela mme kgaolo e le bophara.

A re seemo seo se felela se pateletsa magosi go dira tiro e e sa ba lebaganang ba leka go fokotsa mosuke wa dikgang. A re go botlhokwa gore makgotla a ditsheko a atumediwe kwa bathong gore dikgang di rarabololwe ka nako.

Mme Ramaphane o ne a supa gape fa kagolo ya Bokone Bophirima e le ya bojanala mme bo sa sologele benggae molemo. 

A re bontsi jwa benggae ba thapilwe mo dikampeng kwa ba nnang dikgwedi di le tharo ba sa kopane le ba malwapa a bone.

O tsweletse a re seo se baka mathata kwa malwapeng ka mangwe a thubega fa bana le bone ba gola ba sena bokaedi jwa batsadi ka ba sa nne le bone. A re seo se ama le yone thuto ya bana.

Mme Ramaphane o kopile gore mo tebelopeleng ya 2036, go netefadiwe gore benggae ba nna le seabe mo  bojanaleng e seng go bereka ditiro tse di kwa tlase fela.

E ne ya re a ba kgwa kgaba, moeteledipele wa lekoko la tebelopele ya 2036, Lt. Gen. Tebogo Masire a tlhalosa fa megopolo ya bone e amogetswe e bile ba tlaa dira pego e e tlaa neelwang bogogi jwa tebelopele. 

O ne a supa fa megopolo ya bone e tshwana le ya banni ba dikgaolo tse dingwe bogolo jang ya go tokafatsa botsogo, thuto le ditirelo. 

 

Lekoko leo le tlaa tswelela le tsaya megopolo ya banni mo metseng e tshwana Shorobe, Makalamabedi, Sehithwa, Tsau mme le tlaa fetela gape kwa metseng mengwe e e mo kgaolong ya Okavango. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Bokopano

Date : 28 Jan 2016