Mapodisi a golotse batho ba ba neng ba tshwerwe
28 Jan 2016
Batho ba le masome a mabedi ba e rileng bosheng ba tshwarwa ke mapodisi a Sojwe mabapi le go senya dikago tsa mmuso kwa Otse jaanong ba golotswe.
Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Molepolole, Senior Superintendent Kevin Mookodi, o boletse mo potsolotsong gore batho bao, ba e leng banna ba le lesome le bobedi le basadi ba robabobedi ba tshwerwe kgwedi eno e le lesome le bone ba sena go thuba diofisi tsa lekgotla la Setswana ka dipelaelo tsa gore batho bangwe ba motse oo ba ka tswa ba itse sengwe ka bana ba ba ntseng ba nyelela mo motsing oo.
Superintendent Mookodi a re le ntswa batho bao ba golotswe, ba tlaa isiwa kwa kgotleng ya ditsheko go ya go lebisiwa molato wa go senya dithoto tsa mmuso, mme a re fa ba ka bonwa molato ba ka latlhelwa dingwaga tse tlhano mo kgolegelong mongwe le mongwe wa bone.
Batho ba le masome a mabedi ba ne ba tshwarwa ke mapodisi kwa Otse mo kgaolong ya Legare morago ga gore ba thubakake dikago tsa mmuso ka matlapa ka dipelaelo tsa gore bana ba ba ntseng ba nyelela kwa motsing oo ba dirisiwa mo diphekong.
Fa dikgang di eme jalo Kgosi Boithamako Keipone wa Otse o bolela fa dikago tse di neng di sentswe ke batho ka nako ya mekubukubu jaanong di baakantswe a ba a tlhalosa fa seemo se boetse mannong kwa motsing wa gagwe.
Kwa Mahalapye, mapodisi a tsweletse le ditlhotlhomiso mabapi le go nyelela ga leoto la monna mongwe wa Chadibe yo go bolelwang leoto la gagwe la moja le nyeletse fa a ne a beilwe kwa setsidifatsing.
Rre Raijane Kwantle o ne a bolokwa kgwedi eno e robabongwe morago ga ditumelano magaring ga ba losika le sepodisi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Otse
Event : Potsolotso
Date : 28 Jan 2016






