Mokubung o kgothatsa Manaledi
28 Jan 2016
Mookamedi wa lekalana la Selebi Phikwe Diversification Unit (SPEDU), Dr Mokubung Mokubung, o kopile banni ba Manaledi kwa Tswapong go tsaya ka tlhwaafalo ditirelo tse lekgotla la gagwe le itlamileng go di direla setshaba.
Fa a bula semmuso bokopano jwa malatsi a mararo jwa SPEDU le setlhopha sa bomme se se dirang dinkgwana sa Manaledi bosheng, o boletse fa tirisano mmogo ya SPEDU le Manaledi e ka tswa tema fa ba ka nna le popagano.
Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go buisana ka go dira setlhopha se se tlaa bong se okametse ditlhabololo tsa Manaledi.
Dr Mokubung a re SPEDU e ikaeletse go tlhabolola metse mme mo tirong eo ba solofela gore le fa ba thusa metse jalo, ba ba thusiwang ba tsenye megopolo ya bone mme ba seka ba phutha diatla fela.
A re ba tshwanelwa gape ke go ntsha megopolo ya gore ba batla setlhopha sa bone e nna se se ntseng jang le gore se tlaa bo se dira ditiro tsa mofuta ofe.
O ne a iteela banni ba motse wa Manaledi legofi a bolela fa ba kgonne go tshegetsa ngwao ya bone ya go bopa dinkgwana mme ba felela ba e amogana le dikokomane tsa bone ka go utlwala fa e sale e tswa bogologolong.
Ka jalo a re go dirisanya le SPEDU go tlaa nonotsha go bo go tsweledisa tiro ya bone ya go bopa dinkgwana ka ba tlaa felela ba na le motheo le lekgotla le le tlaa tsamaisang thekiso ya dinkgwana tsa bone.
Kgosi Batwaetse Mapulane wa Manaledi o ne a tlhalosa fa mmu wa letsopa mo motseng o sale o lemogilwe ka dingwaga tsa bo 1800 mme ba thibelela foo ka ba ne ba bona go na le botshelo.
A re esale mo dingwageng tseo go simololwa go dirwa dinkgwana mme le mo nakong eno di a dirwa mme di dirisetswa ditiro tse di farologaneng di tshwana le go apaya, go baya metsi le go kgabisa.
A re mo bogologolong mmu o o dubang dinkgwana oo, o ne o dira le mogoma mme kwa matlotleng a banni ba Manaledi go bonala one masalela a megoma eo.
Kgosi Mapulane re o ne a utlwalela ka SPEDU mme a bua le bone gore ba thusa setlhopha sa motse wa gagwe gore ba ka dira jang go itshetsa ka dinkgwana tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Manaledi
Event : Bokopano
Date : 28 Jan 2016






