Lengau le bonwe kwa Lobatse
28 Jan 2016
Mmamapodisi wa Lobatse, Superintendent Photsanyana Mogatsaseno, o rurifaditse tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng lengau le sule kwa Thema gaufi le kokelwana ya Motswedi mo Lobatse ka Laboraro.
Superitendant Mogatsaseno o rurifaditse se mo potsolosong, a re ba begetswe tiragalo eo ke setshaba mo mosong fela morago ga nako ya bosupa. A re go belaesega lengau leo le bolailwe ke ditshwene morago ga ntwa, ka jaana le fitlhetswe le na le ntho e tona mo tlhogong.
O ne gape ar e lengau ke phologolo ya naga ka jalo go a kgonagala gore le ka bonwa fag are ga toropo le fa le tshabega bobe ebile le itsege le le borai mo bathong le mo diphologolong tse dingwe.
O tsweletse ka go gakolola setshaba gore fa ba bona phologolo ya mofuta oo, ba seka ba e tlhasela go sa tlhokafale, mme ba begele ba ba maleba jaaka ba lephata la diphologolo le mapodisi.
Spt Mogatsaseno a re lengau leo le neetswe ba lephata la diphologolo kwa Otse ka ele bone ba ba maleba.
Fa a botsolotswa ka phologolo eo, mogolwane kwa ofising ya tsa diphologolo kwa Otse Mme Keitseone Motsumi one a rurifatsa fa phologolo eo ele lengau, ebile a le kaya ele phologolo ee borai fela thata.
O ne a tlhalosa gore phologolo eo, ke lengau, le fa ntswa mo Botswana e tlwaelesegile ka go bidiwa Nkwe, ntswa e na le pharologanyo le fa e se e e kalo le Nkwe.
Are le tlwaelesegile go bonwa thata mo sekgweng mme are ga go thona gore lebo le bonwe fag are ga toropo ka ele phologolo e e tshelang ka go tsoma, ka jalo motsamao wa lone o laolwa ke go batla dijo.
Mme Motsumi o tlhalositse gape gore dintho tse di fitlhetsweng mo tlhogong ya lengau leo di supa fa le kopane le ditshwene mme yare go lweng ga tsone la fenngwa ka le ne le obogile letlalo la tlhogo, are ga go belaesege ka gope fa le bolailwe ke motho.
A re lengau leo le tla apolwa letlalo mme letlalo leo, le bewe sentle go tla le rekisediwa ba ba maleba, fa nama ya teng yone e tla a ya go latlhelelwa manong kwa kampeng ya Manyelanong.
O ne a gakolola batho go ikela tlhoko fa ba tsamayang teng are phologolo ya mofuta oo e ka bonwa gongwe le gongwe e bile nako nngwe le nngwe ka e bile ele paka ya leuba e dijo di sa bonweng motlhofo mo sekgweng.
Mme Motsumi a gakolola batho gore fa go diragetse gore motho a kopane le phologolo ya mofuta oo ba leke ka bojotlhe go iphemela.
A re bo go botlhokwa thata go itse matlhale le matsipa otlhe a go tshedisana le dipholgolo tsa naga gore di seka tsa tlhasela motho, jaaka go itsege gore lengau ga le bate go lebagana le matlho a motho, ka jalo fa motho a bona lengau a leke ka bojotlhe go sa lebagana le lone.
O ne a re mme fa go ka diragala gore phologolo eo, e tlhasele, batho ba leke ka bojotlhe go iphemela mme fa ba fentse ka go e bolaya, ba begele ba ba maleba.
Mme Motsumi a re le fa ntswa diphologolo tsa naga di sa tshwanela go bolawa ka jaana e le makgabisa naga e bile di tliisa Bojanala mo lefatsheng, mme fela fa e tlhasetse motho, o na le tshwanelo ya go iphemela a bo a begela maposide ka tiragalo eo.
A re fa motho a bolaile phologolo ya nag aka go iphemela e bile go na le bosupi jo bo papametseng gore motho yoo, o ne a bolaya phologolo ka go iphemela, ga go na molato ope o mohto yoo a ka o lebisiwang.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segametsi Kebonang
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 28 Jan 2016






