Breaking News

Mokgatlho o ruta bana ka ipabalelo tseleng

27 Jan 2016

Mokgatlho wa ipabalelo tseleng kwa Selebi Phikwe o tsere boikarabelo jwa go ruta baithuti ba dikole tse dipotlana ka ipabalelo tseleng.

Se se tla morago ga gore mokgatlho o lemoge fa bana ba dikole tse dipotlana e le bone ba ba amiwang thata ke dikotsi tsa tsela segolojang go thulwa ke dikoloi mo makgabaganyong fa ba ya le ba tswa dikoleng.
Modulasetilo wa mokgatlho wa Selebi Phikwe Youth Road Safety Club, Rre Shepherd Mosekgwa, o boletse mo potsolotsong fa tiro go ruta bana e sale e simolola ka ngwaga wa 2012.

A re dithuto tse di diragala ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Hirikgong fa dikole tse dipotlana di bulwa ka jaana bana e ya bo e le gone ba simololang dikole. A re bangwe ba bone ba simolola go ikisa sekoleng ba tlwaologa go isiwa ke batsadi jaaka fa ba ne ba tsena ko dikoleng tsa bananyana (pre-school).

A re pele ga go bolotswa letsholo la go ruta bana mo dikoleng ka tiriso ya tsela, bana ba dikole tse dipotlana ba ne ba thulwa ke dikoloi thata maphakela fa ba ya dikoleng le motshegare fa ba tswa dikoleng.

Rre Mosekgwa a re  e sale go simololwa dithutuntsho tse, dikotsi tsa bana ba ba thudilweng ke dikoloi di fokotsegile fela thata ka jaana ngwaga o o fetileng, go tlhokafetse ngwana a le mongwe ka go thulwa ke koloi kwa kgaolong ya Botshabelo.

Rre Mosekgwa o ne a tlhalosa fa batsadi le barutabana ba dikole tse dipotlana bogolo jang ba mophato wa ntlha go ema ka lekwalo la boraro, ba tshwanetse go ema ka dinao go ruta bana tiriso ya tsela ka ba a bo ba santse ba le mo lefifing ka go dirisa tsela.

Gape a re barutabana ba leke go ba ruta ba sale ba nnye ditlhaloganyo di santse di tshwara ka bonako.

Rre Mosekgwa o ne a tswelela ka go supa gore ba santse ba tshwenngwa ke bakgweetsi ba ba fetang ka lobelo lo lo kwa godimo fa ba feta fa dikoleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Galaletsang Molelekwa

Location : Selebi Phikwe

Event : Thuto

Date : 27 Jan 2016