Sekole sa Tsabong se tlaa amogela mophato wa bone
27 Jan 2016
Mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Tsabong unified school, Rre Kabelo Mosenke, a re baithuti ba mophato wa bone ba tlaa simolola go amogelwa mo sekoleng seo e le la ntlha go simolola kgwedi ya Mopitlo e robabobedi .
Rre Mosenke o buile mafoko a mo phuthegong ya batsadi le barutabana ka Labobedi e maikaelelo a yone e neng e le go tla go tlhalosetsa batsadi ka seemo sa dikago tsa go okediwa ga sekole seo tse di tsweletseng le tse dingwe tse di amang baithuti ba sekole seo.
Mothusa mogokgo o ne a tlhalosa fa morago ga tshekatsheko ya maduo a mophato wa boraro ba lephata la thuto e le bone fela ba ba nang le dithata tsa go tlhopha baithuti ba le makgolo a mabedi le masome a mane fela ba ba tlaa yang go dira mophato wa bone mo sekoleng seo fa ba bangwe ba tlaa amogelwa kwa sekoleng sa Matsha kwa Kang.
Fa a tlhalosetsa batsadi ka seemo sa sekole seo, Rre Mosenke o ne a kaya fa rakonteraka a supile fa e tlaa re mophato wa bone o bula dikago di tshwana le matlo a borutelo le a maroko le tse dingwe di bo di setse di weditswe
Le fa go ntse jalo mothusa mogokgo o ne a supa tlhobaelo ya gore mo gongwe baithuti ba mophato wa bone ba tlaa felela ba goroga metsi a ise a gokelwe mo dikagong tseo mme a kopa batsadi go emela seemo seo ka dinao.
Fa a ama tsa thuto, mothusa mogokgo o ne a bua a menne phatla ka batsadi bangwe ba ba itlhokomolosang dithuto tsa bana ba bone ka go tlhoka go tshwaraganela dithuto tsa bana ba bone le barutabana fa e se go baya mokgweleo otlhe fela mo maruding a barutabana mo sekoleng seo.
A re se se ngomolang pelo le go feta ke ka fa batsadi ba sa tseyeng dithuto tsa baithuti tsia gotlhelele ka le tiro ya bana ba bone ba e neelwang ke barutabana go e dira kwa malwapeng ba sa kgatlhegele le go itse gore a ba a e dira kana jang.
Rre Moseneke o kaile fa seo gape se supiwa ke kwelo tlase ya maduo a baithui ba sekole seo go tswa kwa dikoleng tse dipotlana a le kwa godimo mme a wele tlase fa ba tsweletse mo sekoleng ka ntlha ya go tlhoka kemo nokeng ya batsadi ba baithuti mo sekoleng seo.
Mogolwane wa barutabana mo sekoleng seo, Mme Keineetse Hengari fa a bua ka maitsholo a baithuti ba sekole seo o kaile fa e le a a sa eletsegeng gotlhelele e bile a tlhabisa ditlhong.
Mme Hengari o ne a kopa batsadi go tshwaraganela bana bao go ba bopa go nna batsadi ba kamoso ka go nna le tlotlo, maitseo le botho jo bo eletsegang mo setshabeng a tla a supa fa gape botlhoka tsebe jwa bone bo na le seabe se sentsi mo kwelong tlase ya maduo mo sekoleng seo.
O kaile fa ba nnile le dikgang tsa botlhokatsebe di le mmalwa mo sekoleng seo ngwaga o o fetileng di akaretsa go lwa ka didirisiwa tse di bogale jaaka dithipa, go utswela ba bangwe diaparo le madi le tse dingwe le gone go inaakanya le tsa marato e le baithuti.
O gwetlhile batsadi go emela bana ba bone ka dinao le gone go thusana le barutabana a kaya fa 'setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.'
Mo phuthegong eo, e e neng e tshologetswe ke bontsi jwa batsadi go tswa mo metseng e e mabapi le motse wa Tsabong, batsadi le barutabana ba ne ba buisana ka dikgang tse di tshwanang le go fetolwa ga kapari ya sekole seo ya mophato wa ntlha le wa bone go obamelwa ga dinako le bophepa jwa baithuti le sone sekole ka kakaretso.
Mongwe wa batsadi fa ba a kgwa barutabana dikgaba mabapi le dikgang tsa baithuti ba sekole seo, Mme Elizaberth Ntwaetsile o ne a gwetlha batsadi ba bangwe go kgalemela bana ba bone ka seo se ka thusa thata mo go ba betleleng bokamoso jo bo siameng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Phuthego
Date : 27 Jan 2016






