Breaking News

Setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata

27 Jan 2016

Bomme bangwe ba tsweletse ka tokafatsa matshelo a bone ka go ikopela mananeo ka go farologana. Bangwe ba bomme bao ke Tshimologo Orebonye,  Dimpho Keitebetse, Mmopi Manyapetsa, Boitshepho Dingake le Mme Judith Bakalafi ba Mahalapye ba ba ikopantseng go dira kgwebo ya go roka diaparo.

Mo potsolosong bosheng, moanamisa mafoko wa setlhopha sa bomme ba, Mme Tshimologo Orebonye a re ba filwe dithuso tsa madi ke lephata la bong ka ngwaga wa 2014.

Mme Orebonye a re ba ne ba bona go le botlhokwa go kwadisa khamphani e e bidiwang 5 Ladies Fashion Design, a tlatsa ka gore khamphani eo e tlhamilwe ka maikaelelo a go tsamaisa kgwebo ka fa molaong.

“E rile re bona re na le botsipa e bile bo tshwana ra bo re dumalana go ikopanya gore re ikopele madi mo pusong go simolola kgwebo ya go roka,” a tlhalosa jalo.

A re ba ne ba kgona go reka ditsompelo tsa kgwebo jaaka matsela le dimatshine tse di rokang le tse dingwe fela jalo. O tlhalositse fa ba ne ba sa fiwa dithuso tsa madi fela, gape ba ne ba isiwa sekoleng sa go roka selekanyo sa dibeke tse pedi mme ba tla ba amule go le gontsi.

A re kitso e ke yone e e tshegeditseng gore kgwebo ya bone e tswelele pele go fitlha mo nakong eno. O ne a tlhalosa gore e re jaaka ba le batlhano jaana mongwe le mongwe o na le  seabe se se lekanang mo go yone.
A re ba itebagantse le go dira paka ya dikole, diaparo tsa manyalo,dikhethene, diaparo tsa setso le tse dingwe fela jalo.

O ne a tlatsa ka gore botlhe e le bomme ba ba sa tsewang ka jalo kgwebo e,e ba thusa go tlamela malwapa a bone,ba tlatsa ka gore kgwebo e tsenya bana ba bone dikole.

Go ntse go le foo, o ne a tlhalosa gore ba bapatsa kompone ya bone ka go bua ka yone gongwe le gongwe ko ba tsamayang teng go ipatlela bareki le gore e itsagale.

A re ba ne ba nna le lesego la go supa dithoto tsa bone kwa ditshupong tsa bomme kwa Gaborone mme ba feta ka tse di tsididi ba ikgapela maemo a ntlha mo kgaolong ya borwa yotlhe. Mme Orebonye a re ba leka ka bojotlhe go itepatepanya le kapari e ntsha e e gorogang mo setshabeng,a tlatsa ka gore go dira kapari e ntsha e ya bo e le go leka go dira dipoelo.

O kaile fa bana ba dikole e le bone mokwatla wa kgwebo ya bone segolo bogolo ba ba simololang mophato wa ntlha kwa dikoleng tse dipotlana, le wa ntlha ko go tse dikgolwane. Ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone, o ne a tlhalosa fa mo dikgweding tsa ngwaga o simologa go fitlha tsa mariga go sena theko e e kalokalo.

O tswelela a supa fa dikgwedi tsa paka ya selemo go ya kwa mafelong a ngwaga kgwebo e nna ntsi thata, a tlatsa ka gore ke yone nako e ba rokelang batho thata kapari ya manyalo ka jalo dipoelo e nne tse di botoka.
Le fa gontse jalo,o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo.

O ne a kgothatsa Batswana ka kakaretso go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe ditiro, le gore ba seka ba letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna mmaba mo dikgwebong tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 27 Jan 2016