Breaking News

Lekgotla la dingwetsi le simolodisitswe kwa Palapye

27 Jan 2016

Lekgotla la dingwetsi le sa tswa go simolodisiwa kwa Palapye morago ga go tlhamiwa kwa Tamasane ka 2011. Maikaelelo a lekgotla ke go tla ka ditharabololo tsa go fedisa ditlhalano le dipolaano tsa baratani.

Lekgotla le ikaelela go buisana le banyalani le bomme ba malwapa ka se lenyalo e leng sone le gore ba ka hema jang dikgwetlho tsa malwapa fa di nna teng go fokotsa ditlhalano.

Modulasetilo wa  kgaolo, Mme Grace Silver, o ne a tlhalosa fa rre e le tlhogo ya lelwapa, fa mme ene e le mothusi wa ga rre.

A re mosadi ke ene moagi wa lelwapa, mme o ka kgona seo ka go tlotla tlhogo ebong rre mme rre le ene a tlotla mothusi wa gagwe ebong mosadi.
Mme Silver o ne a kopa bomme ba ba nyetsweng go rwadisana merwalo ka dikgang tsa malwapa segolo jang fa mme a tla a supa fa go se monate mo nyalong ya gagwe.

O ne a gatelela botlhokwa jwa go ikaga le go itse Modimo, mme a gakolola bomme go emisa go tsamaisa malwapa a bone ka maranyane a facebook le whatsaap.

A re dilo tse ke tsone di gakatsang ditlhalano segolo jang basha, o ne a bo a kgala batsadi a re “ e anya e leletse e ruta e maleng”.

A re kgang ya bone ke go bopa malwapa, go tlisa boitumelo mo malwapeng, go ruta borre ka go aga malwapa le bomme ba bone le go rotloetsa bomme go dirisa mananeo a puso go itlhabolola le go thusa balekane ba bone ebong borre go tokafatsa matshelo mo malwapeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 27 Jan 2016