Breaking News

Banni ga ba tsene diphuthego

27 Jan 2016

Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kgadile banni ba motse oo ba ba sa tseneng diphuthego tsa kgotla.

 E rile a amogela baeng mo phuthegong ee neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng ka Mosupologo, Kgosi Puleng o ne a supa fa dikgang tse di botlhokwa jaaka tsa mananeo a puso di buiwa mo diphuthegong tsa kgotla, ka jalo a gakolola gore go sa tseneng diphuthego go ka dira gore batho ba salele kwa morago ka kitso.

A re se gape se tla dira gore matshelo a bone a salele kwa morago ka jaana ba tla tlhoka kitso ya gore ba ka a tokafatsa jang. Le fa go ntse jalo Kgosi Puleng o ne a kopa gore diphuthego tsa kgotla di nne di lalediwa ka mashetla.
E rile a ema morafe ka lefoko, Mokhanselara Batlhophi a tlhalosa fa lenaneo la go aga sepatela mo motseng wa bone le santse le le teng.

O ne a tlhalosa gore mo nakong eno ya letlhoko la madi, maikaelelo a puso e ne e le go nama ba okeditse kokelo ee leng teng gore e fe ditirelo tse di batileng go tshwana le tsa sepatela, mme a re se ga sena go itsa go agiwa ga sepatela se se akantsweng motlhang madi a bonalang.

A re sepatela seo ke sengwe tsa ditlhabololo tse dikgolo tse di akanyeditsweng mo lenaneong la ditloga maano tsa ditlhabololo la khansele la boroba-bobedi ga mmogo le go tshela sekontere tsela ee tshwaraganyang motse oo le wa Kaudwane.

A re mo nakong eno ele ba khansele ba gatile monwana gore goromente yo mogolo a dumalane le bone ka dikakanyetso tse. Rre Batlhophi o ne gape a kopa go nonotsha tirisanyo mmogo magareng ga bana le seabe go tsisa ditlhabololo mo kgaolong.

O ne gape a kopa molaodi go bua le ba ofisi ya merero ya tsa bong ka jaana batho ba motse oo bane ba lela ka go nna kgakala ga yone ntswa bae tlhoka. O ne gape a lekodisa setshaba ka ditlhabololo tse dingwe mo kgaolong ya Kweneng jaaka go agiwa ga ofisi ya setima molelo le ntlo lehalahala ya go tsisa ditlamelo kwa bathomg tse di kwa Molepolole.

O ne a tlhalosetsa komiti ya ditlhabololo tsa motse fa go le mo maruding a bone go netefatsa fa kgotla ya motse e nna ele phepa ka nako tsotlhe, bogolo jang ka ele yone e baeng ba gorogelang teng.

Ene e rile go le pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Rahim Batshwaregi a supa matshwenyego ka sepatela se ba se solofeditsweng mo motseng, a re gona le menahune ya gore ga sena go dirwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 27 Jan 2016