Moruti o leboga bagolo ba kereke ya UCCSA
27 Jan 2016
Rev Samuel Kenaape o roletse bagolo ba kereke ya UCCSA hutshe go bo ba nnile le seabe mo go godiseng kereke le go tlhabolola lefatshe.
Rev Kenaape o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke kereke eo kwa Selebi Phikwe ka Matlhatso.
A re bagodi ba tshwanetse go lebogwa ka dinako tsotlhe go bo ba nnile le seabe mo go tlhabololeng lefatshe le go goga bana mo lefokong la Modimo.
Rev Kenaape a re bagodi ba kereke ya UCCSA ba dirile ka thata go bona gore go rena kagiso le lerato mo kerekeng mme ba ikaegile ka matshego a tebelopele ya setshaba ba remeletse mo go la setshaba se se rutegileng e bile se na le kitso ya poifo modimo.
A re poifo modimo ke tshimologo ya botlhale, a bolela fa a kgothatsa bagolo bao go tswelela ba direla Modimo ka dinako tsotlhe ba seka ba lebelela go gola ga bone e le seipato, a re ka go dira jalo go tlaa bo go raya gore ba tlaa bo ba goletse Modimo.
Rev Kenaape o tlhalositse fa e le yone nako ya gore ba nne tlhaga mo ditirong tsa Modimo, a re ba seka ba nna le dikakanyo tsa go ikgatholosa lefoko la Modimo ka e le lone sejo sa mowa, a re seo se ka tsala boikgogomoso fa pele ga Modimo.
Rev Kenaape a re bangwe ba bagolo ba na le go tsietsega fa dingwaga tsa bogodi di goroga ba gopola gore ke yone nako ya go kgaogana le Modimo mme ba tshwanetse go itse fa e le yone nako ya go nna tsala thata le Modimo le go nna le tumelo gore e kgone go ba nonotsha fa ba kopana le dikgwetlho tsa botshelo.
O tsweletse a ba kgothatsa gore le fa ba ka atlega go le kae mo botshelong ba tshwanetse go itse fa e le mautlwelo botlhoko a Modimo e seng ka bokgoni jwa bone.
Go ya ka Moruti Thatayaone Keimetswe wa kereke ya UCCSA, tiro ya go lebogela bagodi seabe sa bone mo go tlhabololeng le go bopa banana ba eleng bone baeteledipele ba kereke monakong ya gompieno e ka bo e ne e dirilwe ka Sedimontlhole ngwaga o o fetileng mme ba seka ba kgona.
Kereke e ne ya re morago ya tshwara merapelo go baya lefatshe fa pele ga ga ramasedi jaaka le ipaakanyetsa moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le go kopakagiso le thitibalo jaaka molelo wa kgolagano o raletse lefatshe go kopanya setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Moletlo
Date : 27 Jan 2016






