Go nna le seabe go ka diragatsa dikeletso
27 Jan 2016
Batswana ba kopiwa go emisa go supa supana ka menwana mme banne le seabe mo go tlhabololeng lefatshe la Botswana ka seo se ka dira gore dikeletso le ditoro tsa bone di nne tsone.
Se, se builwe ke Kgosi Maruje Masunga III fa a buisa phuthego kwa Selebi Phikwe beke e.
Phuthego e, e ne e tshwaretswe go tsaya megopolo mo banning ba toropo ya Selebi Phikwe mabapi le tebelopele ya 2036.
Kgosi Maruje, yo e leng mongwe wa lekoko le le romilweng ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama go tsaya megopolo ka tebelopele ya ngwaga wa 2036, a re go nna le seabe ga Batswana botlhe go ka dira gore batho ba tswe ka megopolo e mentsi ya go tlhama mebereko mo go ka thusang go tswakanya itsholelo e e ka meletswang mathe ke mafatshe a mangwe.
O ne a tlhalosa gore keletso ke go seka seka gore mananeo a diretsweng Batswana a bulegile gore a tswele Motswana mongwe le mongwe mosola le go godisa itsholeloya lefatshe.
Rre Lemogang Kwape e le mongwe wa lekoko leo o ne a re, maikaelelo magolo a tebelopele ya 2036 ke go batla megopolo mo Batswaneng go lebilwe itsholelo le tlhabololo ya lefatshe go lebeletswe mekwalo yotlhe ya go aga tebelopele e e nonofileng.
O ne a tswelela ka go supa gore e le lekoko ba tla dira mekwalo e e tla supang dikeletso tsa Batswana mongwageng tse di masome a mabedi tse di tlang mme tse di sa kgonagalang mo tebelopeleng e e fetileng ba tsamae le tsone ba di diragatse.
O ne a tlhalosa gore tebelopele ya 2016 e e lekile go ngotla lehuma la nta-ya-tlhogo le go lwantshana le segajaja sa HIV/AIDS ka se tsweletse ka go bifela pele le seemo sa bo rukuthi se se wetseng tlase.
Rre Kwapa o ne a re ba itemogetse gore ditiro di a tlhaela segolobogolo jang mo bananeng mme banana ka ke bone bokamoso jwa lefatshe leno e bile bana le seabe mo go godiseng itsholelo.
Le fa go ntse jalo morafe o ne wa ntsha dikeletso tsa bone ka tebelopele ya 2036 gore ba batla gore Botswana e nne yo o ntseng jang. Morafe o ne wa supa fa o eletsa go bona Botswana yo a phatsimang itsholelo e godile e sa ikaega ka ditswa mmung ebile a ikgantsha ka ngwao.
Ba ne kopa gore Botswana e nne Botswana yo o neelang ditirelo tse di tlhwatlhwa bogolo jang kwa go tsa botsogo mme le go tlhaela ga bodiredi go eme ka seo se busetsa maiteko a puso kwa morago a go baa Batswana ko pele.
Constance Kemotho e le monni wa kgaolo eo a re ene o batla go bona Botswana yo a tsayang ditshwetso a rerisitse sechaba pele mme e bile di tsewe go na le megopolo ya banana ka ke bone ba eteledi pele, le gore ngwao e seka ya nyelediwa ka e le yone e supang gore re Batswana.
Monana Thato Mabolwe a re ene o eletsa go bona Botswana yo o tsabakelang yo a sa ikaegang ka ditswang mmung mme e ikgantsha ka ngwao e e tla rekisang lefatshe leno ko go ba dichachaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego
Date : 27 Jan 2016






