Breaking News

Semong ga a ipone tsapa

27 Jan 2016

Ga go sepe se se kalokalo se ke ka se ntshang ka se supegetsa setshaba gore mo dingwageng tse di fetang masome a matlhano ke ntse ke le mmetli ke ile ka se fitlhelela.

Se ruri ga se seemo se se jesang monate le eseng. Mme le gale ka la Motswana le re, ga bo se gangwe, ke na le tshepho le tumelo ya gore ka lengwe la malatsi, bokgabane le botswerere jo  ke nang najo mo tirong ya me bo tlaa tswela mo mpaananeng.

A ke mafoko a ga Rre Tuka Semong wa Nkoyaphiri kwa Mogoditshane. Rre Semong o tshotswe ka ngwaga wa 1948 mo kgotlaneng ya Matlanyana kwa Gabane.

O tlhalositse gore nako e a neng a simolola go betla, go ne go se motlhofo go ka itirela botshelo jwa sennela ruri ka talente ya gagwe ya go betla ka jaana maloba jale kgomo le podi e ne e le tsone konokono ya botshelo jwa Motswana.
A re ditalente ka bontsi di ne di fitlhegile e bile di sa tsewe tsia thata.

O ne a tlhalosa gore e ne e re fela fa o simolola go aloga o le ngwana wa mosimane o rutwe go tsaya kgomo ka motlhala.

“Ga ke tswe fano le tiro e. Go betla go setse go le mo mading ame. Fa ke santse ke le monana, ke ne ke betla dintshwana tse di jang, tse di apayang, ditafole, disaeteboroto le tse dingwe.”  Ga tlhalosa Rre Semong. A tswelela ka go tlhalosa fa sebe sa phiri e nnile nako e a tseneng mo tirong e ka yone.

A re maloba jale go ne go se bonolo go ka gola mo mohameng ope fela kwa ntleng ga temo-thuo. Rre Semong, yo mo malatsing a gompieno a itebagantseng thata le go betla ditilo, a re mme le fa go ntse jalo ga a ise a ikgagolake diaparo kana a supe ope ka monwana.

A tswelela ka go nna boineelo le bopelo telele mo tirong e a neng a dumela fa e le yone e mo tlhalosang botoka. A re o itumelela gore le fa a sa ela tiro e ya go betla kwa sekolong, o e itse jaaka namane e itse mmaayo.

O supile gore le fa a setse a le dingwaga tse dintsinyana jaana mo botshelong go ka nna le ditoro dipe fela tse di kalokalo, se se mo nametsang pelo le go feta ke ka fa Batswana ka bontsi ba setseng ba simolotse go mo etela go reka ditilo tsa gagwe.

“Se se itumedisang fela thata ke ka fa Batswana go lebegang ba kgatlhegela diatla tsa me ka teng. Ga ke ise ke goroge mo seemong se ke ka rayang batho ka re tiro e e ntshetsa le bongwanake, mme fela gone go a solofetsa ka jaana ga ke sa tlhole ke lala ka tlala.

Le fa dinako tse dingwe ke busediwa morago ke tse di tlhokafalang mo tirong e jaaka dipolanka jaana, gone ke gatetse pele.” A bua jalo a tletse ka boitumelo.

Rre Ineeleng Kelateletswe, e leng moagisanyi wa gagwe a re le ene fela jaaka bontsi jo bo tshologelang mo lwapeng la ga Rre Semong go tla go reka tse a di betlileng, o lemogile fa rre yo a na le maitemogelo a a kwa godimo mo tirong ya gagwe. O tlhoka fela kemo nokeng mo Batswaneng.

“Ke rre yo o lebegang a le boineelo mo tirong ya gagwe e bile a na le lerato thata mo go se a se dirang. O diatla dintle rre yo. Ke e tle ke bone botlhe ba ba rekang mo go ene motho a tswa a tletse ka boitumelo fela.” Ga supa jalo Rre Kelateletswe.

Kwa phelelong Rre Semong o ile a kgothatsa botlhe fela ba ba nang le ditoro le dikeletso tsa go betla bogolo jang banana go ikitaya ka thupana le go nna bopelo telele le boineelo ka dinako tsotlhe gore ba kgone go tswelela.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lefoko Tsheko

Location : Mogoditshane

Event : Potsolotso

Date : 27 Jan 2016