Mapodisi a tlhotlhomisa leso
26 Jan 2016
Mogolwane wa mapodisi a Maun, Assistant Superintendent Oarabile Hulela, a re ba tlhotlhomisa leso la monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa wa kgotla ya Moeti mo Maun.
Go ya ka Rre Hulelela, e ne ya re kgwedi eno e le masome mabedi le bone, mosadi mongwe yo o dingwaga di masome a mabedi le boraro, le ene e le wa kgotla ya Moeti a tla go ba begela fa a fitlhetse moswi a akgega mo setlhareng se se fa pele ga lelwapa la bone.
A re mme yoo o ne a ba bolelela fa ene le rre yoo ba ne ba kile ba nna baratani.
Assistant Superintendent Hulela a re mme yoo o boletse fa ene le rre yoo ba ne ba kopane kwa maitisong bosigo.
Mme yoo o ne a tlhalosetsa ba sepodisi fa rre yoo a ne a supa fa a sa itumedisiwe ke kgaogano ya bone mme e bile a kopa wa mme go busa pelo gore ba kgone go tswelela ka lerato la bone.
Assistant Superintendent Hulela a re ba ne ba utlwa fa tota maikaelelo a rre yoo e ne e le go bolaya wa mme pele a ka ikgapela botshelo mme ke gone erileng seo se retela a bo a fetsa jwa gagwe a le nosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 26 Jan 2016






