Tona o rotloetsa banni go somarela dikitso
26 Jan 2016
Banni ba Shakawe ba kopilwe go somarela dikitso tsa boranyane tse di neng di dirisiwa bogologolo ka ekare mo isagong tsa ba tswela mosola.
Se se builwe ke Tona wa Dikago, Boranyane le boitseaanape, Rre Nonofo Molefhi, mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano
Tona Molefhi o ba gakolotse gore maranyane a akaretsang tiriso ya marang a letsatsi a supile fa a bereka ka jalo morafe o tshwanetse wa a tsaya tsia.
O supile gape fa boranyane jwa tepo loapi le jwa kalafi ya setso le maranyane a mangwe a a neng a dirisiwa bogologolo fa ba na le kitso ba tseye sebaka go a kwadisa ka a ka ba tsisetsa isago e e botoka.
O tlhalositse fa puso e lemogile botlhokwa jwa boranyane jwa bogologolo jaaka jone ja go fetlha motlakase ka letsatsi le tse dingwe mme a kopa setshaba go amogela maranyane a ka a supile a na le mosola.
O tlhalositse fa mangwe a maranyane a ka tswela mmuso thuso mo bojanaleng.
Tona gape o buile ka boranyane jwa ditlhare tse di ka dirisiwang go fepa,kgotsa go fodisa malwetse a mangwe le boranyane jo bongwe jo bo neng bo dirisiwa bogologolo.
Ba ba neng ba akgela jaaka Kgosi Kea Lempadi wa Shakawe ba supile fa ba amogela mogopolo mme bontsi jwa amogela mogopolo o ba buwa gore go boela ko maranyaneng jaaka a marang a letsatsi go supile go na le mosola le mo nakong eno tota.
E rile a ntsha la gagwe, mopalamente wa kgaolo, Rre Bagalatia Arone a kgothatsa morafe go bereka ka natla ka ba bona gore puso e leka ka bojotlhe go nna e tla ka megopolo ka jalo ba seka ba remelela thata mo go ikaegeng ka goromente. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Shakawe
Event : Phuthego Ya kgotla
Date : 26 Jan 2016






