Lotlaamoreng o kgala semorafe
26 Jan 2016
Mopalamente wa kgaolo ya Goodhope-Mabule, Kgosi Lotlaamoreng, o buile a sa kgale mathe ka mokgwa wa semorafe o o kukelang ka monokela mo merafeng e mengwe.
O buile seo ka Labone mo phuthegong ya kgotla kwa Sedibeng morago ga gore monni mongwe a ikuele fa banni ba bangwe ba ba kgokgontsha ka dipuo ba re ba tswe mo motseng wa bone ebile ba ba bitsa batswakwa.
Kgosi Lotlaamoreng o tlhaloseditse morafe gore semorafe ga se bope setshaba.
O gwetlhile morafe go nna le neelano mo merafeng yotlhe ka jaana bangwe ba nna mo mafelong ka go farologana ka gore ba a bo ba isitse ditlamelo kwa setshabeng.
O ne a tlhalosa fa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go nna kwa a batlang teng mo lefatsheng leno.
Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a lebogela kemo nokeng ya banni ba kgaolo ka nako ya ditlhopho ka go mo tlhopha go nna moemedi wa bone wa kgaolo kwa palamenteng.
Kgosi Lotlaamoreng o ne a gwetlha balemi go dirisa mananeo jaaka ISPAAD go agelela masimo a bone go itsa gore dijwalo di jewe ke dikgomo ka ke nako ya letsema.
A re ISPAAD e tlaa thusa go nonotsha le go busetsa serodumo sa temo mo kgaolong ya bone ka jaana kgaolo ya Barolong e tlotlegile ka temo go tswa goo lowe.
O ne a tlatsa ka go gwetlha batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, a supa fa maduo a sekole se segolwane sa Molopo a sa jese diwelang ka a wela kwa tlase ngwaga le ngwaga.
Fa a fa malebo, mokhanselara wa kgaolo ya ga gaMolopo Mme Dorah Pandor o ne a iteela kobo moroko mafoko a mopalamente a go gwetlha batsadi go tshwaraganela thuto ya bana gore ba tsoge ba nna babusi ba ba nang le dikitso go ka thusa go tsweledisa go tlhabolola lefatshe leno.
O ne a kgala mokgwa wa kgethololo ka letso le mmala, a supa fa o kgaoganya setshaba, ka jalo a kopa banni ba Molopo go kgaphela kwa ntle mokgwa oo. A re go nna ka ledula le kagiso ke selo se se botlhokwa thata ka jaana se godisa serodumo sa kagiso ya lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Sedibeng
Event : Phuthego Ya kgotla
Date : 26 Jan 2016






