Breaking News

Lephata la boipelego le aba matlo

26 Jan 2016

Lephata la boipelego kwa khanseleng ya Kgatleng le abetse banni bangwe ba metse ya Kgomodiatshaba le Dikgonnye matlo ka lenaneo la RADP.

Matlo a, a dikamore tse pedi, a ne a agelwa Mme Lesang Thibogang le Rre Ntaelang Makhombe ba Kgomodiatshaba fa kwa Dikgonnye go ne ga abelwa Rre le Mme Raphotshana.

Fa a bua kwa letsatsing leo ka Mosupologo, mothusa modulasetilo wa khansele ya Kgatleng e bile e le mokhanselara wa Malolwane, Rre  Stephen Makhura, o ne a tlhalosa fa puso e dirile thulaganyo ya go agela bao ba itsholelo ya bone e leng kwa tlase matlo e le tsela ya go ba fa seriti gore le bone ba nne le bonno jo bo siameng.

A re matlo ao ka boraro a agilwe ka dikete tse di lekgolo a tlhalosa fa ba ba agetsweng matlo ao ba le lesego fela thata a tlatsa ka gore ga se mang le mang  yo o thusiwang. 

O tsweletse a re batho ka bontsi ba eletsa go agelwa le bone a tlhalosa fa e le maikaelelo a puso a go thusa setshaba sebe sa phiri e le letlhoko la madi.

Mothusa modulasetilo a re Kgomodaitshaba ke mongwe wa metse e e faphegileng e e thusiwang ka ditsompelo ke mmuso.

A re le lone lenaneo la go agela batho matlo le teng mo motseng oo e bile ba le bantsi ba santse ba  tsile go le akola fa madi a letla.

Mokhanselara Makhura o ne a kopa ba malwapa ao ka boraro go tlhokomela matlo ao a tlatsa ka gore a tsile go ba thusa ka jaanong le bone ba bone kwa ba tshabelang dipula teng.

Mokhanselara wa kgaolo eo Mme Reginah Rakgathi o ne a leboga puso go bo e bone go tshwanela go agela banni bao matlo a tlhalosa fa seo e le maiteko a mantle fela thata.

O ne a rotloetsa ba malwapa ao ka boraro go ema ka dinao go netefatsa gore le bone ba a iteka go oketsa fa puso e dirileng teng a ba tlhalosetsa gore lenaneo la SHHA le teng ba ka ikopela go oketsa matlo ao.

E ne ya re fa ba leboga, ba malwapa ao ka boraro ba ne ba tlhalosa fa ba itumetse fela thata mme e bile ba tshephisa fa ba tlaa tlhokomela matlo ao.

Ba ne ba supa fa le bone jaanong ba  na le seriti e bile ba na le fa ba ka tshabelang teng seemo sa loapi teng ba tlhalosa fa lantlha seemo sa bone se ne se sa itumedise ka le dipula go ne go sena kwa ba di tshabelang teng.

ºE rile a fa malebo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kgomodiatshaba Rre Boikhutso Raditshepe a leboga barulaganyi ba tiro eo go menaganye a tlhalosa fa go agiwa ga matlo ao go tsamaile sentle go sena selabe sepe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Kgomodiatshaba

Event : Kabo dimpho

Date : 26 Jan 2016