Lephata le abela mo-na- le- bogole
26 Jan 2016
Lephata la dikgwa le dibapalwa nageng le abetse Tshidi Tebele, yo o dingwaga di lesome le bongwe e bile a tshela ka bogole jwa go tlhoka puo, melora, dijo, diaparo, ba agelela lelwapa la ga bone ba bo ba lema ditlhare.
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Meleko Thumpe o ne a akgolela badirelapuso go bo ba tsweletse ka mowa wa kutlwelobotlhoko.
O ne a galaletsa tiro e ntle e lephata la dikgwa le dibapalwa nageng le e dirileng.
A re lelwapa la ga bo Tshidi le tlaa kgona go tlola melatswana le gone go nna le monyenyo
Mokhanselara Thumpe o ne a rotloetsa banni ba kgotlana ya Legonono go dirisa dikgakololo tse ba neng ba di fiwa ke lephata la dikgwa le dibapalwa nageng ka temo le tlhokomelo ya ditlhare tse ba di abetsweng.
Rre Patrick Oats, moemedi go tswa kwa ofising ya boipelego o ne a supa fa mowa wa go aba le gone go ema nokeng Batswana ba ba tlhokileng lesego e le maitlamo a a siameng thata ka o ba fa seriti.
O ne a tlatsa ka gore puso e ka se kgone go rwala morwalo e le nosi ka jalo setshaba se tlhoka go tsenya letsogo ka seo se ka thusa thata mo maikemisetsong a go isa lefatshe kwa pele go sena ope yo o kgaphetsweng kwa ntle.
Rre Oats o ne a tswelela ka go supa fa ba boipelego ba leka ka bojotlhe go isa ditlamelo tse di tlhokegang kwa go ba ba amegang, mme a re dimpho tse di tswang kwa ntle le tsone di tlisa pharologano e tona mo matshelong a ba ba tlhokileng lesego.
O ne a kgala mokgwa wa batho bangwe wa go itseela dilwana tse baikopedi ba di fiwang, a re seo ke poelomorago mme e bile go thatafaletsa ba ba di tlhokang botshelo go gaisa.
Fa a tswa la gagawe moemedi go tswa lephateng la dikgwa le dibapalwa nageng, Mme Dipoifo Ntau o ne a supa boitumelo a bo a tlhalosa fa ba kgonne go wetsa thulaganyo ya ntlha ya maitlamo a go thusa setshaba.
A re ba ne ba itlama go dira dirafole le gone go rekisa magwinya mme ba kgonne go dira madi P5 500 yo ba mo dirisitseng go reka didirisiwa tsa terata ba bo ba agelela lelwapa, ba reka diaparo, melora le dijo.
Ba ne gape ba lema ditlhare kwa kgotlaneng ya Legonono, ba lema kwa ga bo Tshidi ba bo ba abela banni ba kgotlana go ya go itemela kwa dijarateng tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Ntau
Location : Tsabong
Event : Kabo dimpho
Date : 26 Jan 2016






