Ipaakanyetseng meletlo ya boipuso
25 Jan 2016
Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye, o kopile morafe wa gagwe go ipaakanyetsa meletlo ya boipuso jwa monongwaga le go amogela molelo wa kgolagano o o tlaa gorogang mo motsing wa bone kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le boferabobedi.
Kgosi Segotsi o boletse mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe, kwa dikgotlaneng tsa Dilaene, Parwe, le Mmapheretlha gore baeteledipele ba motse ba eletsa go bona mongwe le mongwe ka letsatsi leo a bo a apere kapari ya mebala e e tsamaelanang le folaga ya lefatshe la Botswana.
A re ere ka lefatshe leno le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa, ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go balelwa le banana go nna le seabe mo ditirong tsa go baakanyetsa meletlo ya boipuso jwa monongwaga ka e le lone letsatsi le lefatshe leno le boneng kgololesego ka lone.
Kgosi Segotsi a re e re ka Batswana ba itumelela dingwaga tse di masome matlhano ba ntse ba ipusa e bile ba ipelafatsa ka go simolodisiwa ga lenaneo la go rudisa itsholelo ga mmogo le go khutla ga tebelepele ya setshaba ya 2016 ka kgwedi ya Phalane, go mo maruding a bone e le baagi ba Mahalapye go ititaya ka thupana go bona gore sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo.
Kgosi o rile le ntswa batho ba Mahalapye ba tlwaetse go jela boipuso mo dikgotlaneng tsa bone, gompieno e le baeteledipele ba dumelane gore ditiro tsotlhe tsa boipuso di ya go tshwarelwa mo kgotleng kgolo gore mongwe le mongwe a kgone go itseela ka tsebe molaetsa wa ga Tautona a ba a bolela fa maikaelelo e le go tlhopha batho ba ba tswang mo dikgotlaneng tsotlhe tsa Mahalapye ba ba tlaa tsenngwang mo komiting ya boipuso.
Dipatlisiso tse di dirilweng ke ba lekalana la BOPA di supa fa molelo wa kgolagano o tlaa goroga mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ka kgwedi ya Seetebosigo o tla o tsamaya le metse e tshwana Shoshong, Tobela, Mmutlane, Bonwapitse, Kalamare, Mahalapye, Phallaroad, Mmaphashalala, Mookane, Mmamabula le Dibete pele ga o fetela kwa kgaolong ya Kgatleng.
E rile batho ba dikgotlana tsa Dilaene, Parwe le Mmadipheretlha ba akgela mo diphuthegong tseo, ba iteela mafoko a ga kgosi megolokwane e bile ba bolela fa ba setse ba tlhophile dikomiti tse di baakanyetsang boipuso mo dikgotlaneng tsa bone.
Le fa batho bangwe mo diphuthegong tseo go lebega ba ne ba le kgatlhanong le mogopolo waga kgosi wa gore ditiro tsotlhe tsa boipuso jwa monogwaga di ya go tshwarelwa mo kgotleng e tona, bontsi jwa batho ba supile fa ba dumelana le mgopolo wa ga Kgosi Segotsi gore dijo le tsone di jelwe mo kgotleng e tona e seng mo dikgotlaneng jaaka go ntse go dirwa mo dingwageng tse di fetileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 25 Jan 2016






