Masilompana o tlhokafetse
25 Jan 2016
Mokhanselara wa pele wa Molalatau, Rre Maphole Masilompana, o tlhokafetse marago ga go lwala ka lebaka le lekhutshwane.
Rre Masilompana e ne e le mokhanselara wa kgaolo eo a emetse phathi ya Botswana Democratic Party go simolola ka ngwaga wa 2004 go fitlha ka 2009.
Moemedi wa lelwapa, Rre Iphemele Masilompana a re Rre Masilompana o ne a phadimogelwa ke bolwetsi kgwedi eno e le lesome le botlhano mo tseleng a tswa morakeng mme a tlhokafala tsatsi lone leo.
Rre Iphemele Masilompana o supile fa moswi a tsene mo sepolotiking ka ngwaga wa 2003 morago ga go tlogela tiro ya borutabana kwa a neng a le mogokgo wa sekole se se potlana sa Semolale mo kgaolong ya Bobirwa.
A re ka ngwaga wa 1969 go fitlha ka 1971 o ne a ithutela borutabana kwa Teachers Training College kwa Serowe mme a simolola tiro ya go ruta mo dikolong tse di farologanyeng mo Bobonong mme ya re ka ngwaga wa 1973 a tlogela tiro eo go nna lepodisi.
A re Rre Maphole Masilompana o ne a nna lepodisi go fitlhelela ka ngwaga wa 1976 mme a boela kwa tirong ya borutabana gape mme a tlhatlosiwa maemo go fitlhelela e nna mogokgo ka ngwaga wa 1984 kwa a neng a ya go bula sekolo sa Moletemane.
Rre Masilompana a re moswi o ne gape e le modulasetilo wa koporase ya baji bareki ya Molalatau gape e le mongwe wa batlhami ba mokgatlho wa barui wa Zone 7 Farmers Association, mme o tlhokafala a tshegeditse maemo a bokwaledi ba mokgatlho o o.
Rre Masilompana o tshotswe ka ngwaga wa 1951 mme o tla bolokwa ka Matlhatso kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro kwa Molalatau. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 25 Jan 2016






