Breaking News

Mogolwane o rotloetsa temo

25 Jan 2016

Mogolwane wa lekalana la dijwalo mo lephateng la temo-thuo, Rre Taelo Ramokapane, o kopile balemi go ntsha dijo tse di lekaneng go jesa lefatshe leno.

Rre Ramokapane o buile jalo fa a buisana le balemi ba kgaolo ya Legare, morago ga go lemoga fa bontsi bo sa baya ditema ka ntata ya dipula tse di boutsana. A re fa fa dipula di le boutsana, kgaolo eo yone e bona dipula tse di ka dirisiwang go kgwarinya kwa masimong, fa go tshwantshwanngwa le mafelo a mangwe jaaka kwa Borwa.

Rre Ramokapane a re fa mafelo a a kwa borwa a kgona go dirisa dipulanyana tse e seng tsa sepe go lema, kgaolo ya legare yone e ka palelwa ke eng go dira jalo. 

A re bokgola jwa dipula tsa bosheng di ka ba orisa molelo wa mariga. O ne a supa fa monongwaga kgaolo ya Africa yotlhe e babaletswe ke leuba, mme lefatshe lengwe le lengwe le ya go somarelela batho ba lone ka se le nang le sone.

O ne a kgothatsa balemi go lema dipeo tse di bogadi bo gaufi, tse di ka emelelanang le seemo sa loapi.

Rre Ramokapane a re seo se ka tswa tema fela fa balemi ba reeditse se balimisi ba se ba bolelelang,  go lema mabele go na le mmidi ka one o tlhoka pula e ntsi.

O ne a supa fa Pandamatenga,Borolong le Ngwaketse e le bone ba ba nang le masimo a matona a a ka kgonang go jesa lefatshe leno, mme a re e re le ntswa kgaolo ya Legare e sena masimo a matona mme e ka ntsha dijo fa masimo a a teng a ne a lengwa otlhe.

O ne a kgothatsa barui gore ba ntshe leruo mo masimong, gore thobonyana e e tlaa bonwang Batswana ba kgone go e kgaogana le ba bangwe, mme a bo a gatelela gore ba ba nang le masimo ba sa a leme ba a adime ba ba ka a lemang go na le gore ba a beye fela.

Fa a itebaganya le balemisi o ne a re bontsi jwa bone ke bommantswitswidi ba dithuto tsa temo mme ba di dirise go tlhabolola balemi ka tsone gore ba kgone go itse le go tlhaloganya gore ba ka ntsha dijo ba lemile jang, nako efe le gone go itse gore ba tsenya menontshane leng.

A re badirise dikitso le boitseaanape jo ba bo amuleng mo dithutong tsa bone tsa temo , banne le balimi kwa masimo, basimolodidi ditiro tsa temo le balimi. 

O ne gape a dira tlhagiso are puso e tsweletse ka godira ditsheka tsheko  ka mananeo a temo, segolo jang la ISPAAD, gore ere isago go lebelelwe balemi ba ba tsentseng marapo mo dinameng ka maikaelelo a go ntsha dijo.

O ne gape a kgothatsa balemi go rema masimo a bone go fokotsa dikgwa tse a rileng di oka diji, a bo a ba kopa go bopa makgotla a balemi a ka one ba ka buisanang le puso ba le seopo sengwe.

E rile ba akgela balemi ba supa fa diofisi tsa balemisi di se mo seemong se se ka kgontshang go ntsha maduo a a batlegang, ba re fa ba direlang teng ga go amogelesege, Rre Frank Balone o ne a re a puso e direle balemisi ka fa tshwanelong gore ba dire tiro ya bone ka manontlhotlho ka go ba neela dikoloi, dikhomputara le go ba agela diofisi le one matlo a boroko.

Rre Shathani Mmereki ene o ne a re puso e sekaseke go ba direla dikadimo tsa madi ka  dinako tsa temo gore ba kgone tiro ya bone ya temo ka dibanka di sa kgone go dira jalo, mme a supa fa diphologolo di senya thata mo masimong ka nako ya temo, le gone gore ipelegeng e emisiwe ka nako ya temo, le gone gore boranyane jwa   diofisi tsa temo-thuo bo tlhabololwe.

Rre Simon Mathake ene o ne a re a go fefosiwe teratelo masimo ka lenaneo la cluster fencing, a re lenaneo leo le tsamaya ka bonya. Bangwe ba ne ba re ba kopa puso go ba thusa go gokela didiba tsa bone ka marang a letsatsi, ka ba turelwa thata ke mafura ba re seo se ka thusa gore ba leme ngwaga otlhe ka ba tlaa bo ba na le metsi a go nosetsa.

Ba ne gape ba kopa puso go ba thusa go reka  digogi tse di pitikololang mmu pele ga temo, morago ga go lemoga fa di na le mosola mo temong, e bile di dira gore dijalo tse di bogadi bo gaufi di mele ka bonako.

Rre Oteng Tebape o ne a re nako e tsile ya gore puso e neele madirelo a a ikemetseng ka nosi go tshela dichefi mo masimong, go na le gore di itirisetswe ke batho ka bongwe ka bongwe a re ga di dirisiwe ka fa tshwanelong, fa Rre Gidion Male ene a ne a re a tiriso ya tsone e elwe tlhoko ka le tsone di na le seabe mo go bolayeng boleng ja mmu.

Rre Male o ne gape a re ka nako ya leuba barui ba thusiwe ka theko phokoletso ya dijo tsa leruo, mme balemi bone ga go na sepe se ba thusiwang ka sone n tswa go solofetswe go le gontsi mo go bone gore ba jese lefatshe leno, o ne a re a e re ka dinako tsa leuba go lebelelwe metsi le motlakase tse di dirisiwang thata ke balemi mme di sekasekelwe mo theko phokoletsong.

Fa a ba kgwa dikgaba, mogolwane wa tsa dijalo o ne a dumelana le bone ka tse ba supileng ka balimisi, mme a re sengwe se a dirwa diofisi di ntse di a agiwa fale le fale le gape gore ba tlaa rekelwa dikhompiutara tsa dilaptop. 

Ka kgang ya metsi o ne a re puso e mo tshekatshekong ya kafa ba ka thusiwang ka teng gape a re didirisiwa tsa go baakanya mmu pele ga temo di tsile, mme a gatelela go ipopa ga balemi a re go ka ba direla tiro motlhofo go reediwa ka lentswe le le lengwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Bokopano

Date : 25 Jan 2016