Breaking News

Komiti e kgaratlhela motse

25 Jan 2016

Mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, o akgotse komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Artesia go bo e eme ka dinao go tlhabolola motse.

Rre Mangole o buile se mo phuthegong ya kgotla ka Labone.

O ne a supa fa komiti eo e rwele maikarabelo a magolo fela thata ka jaana e le yone tshoso e rweleng mo tsamaisong ya ditlhabololo tsa motse e bile ba tsere boikarabelo jwa go etelela setshaba pele.

Rre Mangole a re go bo komiti eo e kgonne go tlhabolola holo ya motse go supa kgatelopele mo tirong ya bone bogolo jang ka go tsere lebaka gore e baakanngwe.

Mopalamente o ne a supa fa holo e le botlhokwa fela thata ka e thusa go direla ditiro tsa morafe le setshaba ka kakaretso mo go yone e bile e ka dirisiwa go tsisa ditlamelo gaufi.

O ne a kopa morafe go tlhokomela holo eo le go e somarela gore e ba tswele mosola ka lebaka bogolo jang ka komiti e ka e dirisa go dira letseno la madi.

E ne e rile go le pele, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Thandie Roberts a lekodisa mopalamente fa ba kgonne go tlhabolola holo eo morago ga gore ba kope dithuso mo khamphaning nngwe e e neng ya ba fa dithuso tsa madi a ka tshwara P170 000.

A re ka jalo ba ne ba kgona go tlhabolola holo eo le gone go e tsenya motlakase ka P88 000 mme gape ba kgonne go shafatsa marulelo a poso ya motse oo le go tsenya motlakase ka P33 000. 

Mme Roberts o ne a tlhalosa fa ba na le lenaneo la go tlhabolola motse wa bone mme e bile ba setse ba kgonne go agelela matlo a le mabedi mme gape ba tlaa baakanyetsa motlhoki mongwe ntlo. E  re dikgang di eme jalo, modulasetilo o ne a kopa gore ba thusiwe ka paakanyo ya ditsela mo motseng wa bone ka jaana fa pula e nele go sa tsamaege mme a kopa gape bananyana ba sekole se sebotlana gore ba agelwe matlwana a borutelo.

Mme Roberts o tsweletse a kopa gore go agiwe matlo a borobalo a baithuti ba sekole se segolwane sa Artesia ka a teng a setse a onetse e bile a le borai mo baneng ba bone.

Erile fa Kgosi George Thwane a amogela baeng le morafe mo motseng wa gagwe, a lebogela morafe go bo o ne wa itshwara sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.

 A re seo o se iteela legofi ka maitseo e le namane ya moroba e bile morafe o supile setho se lefatshe leno le se rotloetsang mme gape e le ngwao ya Setswana.

Kgosi Thwane o ne a ntsha ngongorego ka lephata la makgotla a Setswana a supa fa madi a le a neelwang a le mannye ntswa ba dira namane e tona ya tiro.

A re o kopa gore ba neelwe madi a a bonalang mo lephateng leo gore ba kgone go dira tiro ya bone sentle ya go thusa Batswana.

Kgosi o ne a kopa gape gore sepodisi se godisiwe mo motseng wa Artesia ka jaana e le boremelelo jwa bogodu jwa leruo le go thubiwa ga mabenkele a tlatsa ka gore seo se tlaa thusa go lwantsha borukutlhi joo. 

Kgosi Thwane o ne gape a kopa gore kokelo ya motse oo e bereke bosigo le motshegare ka jaana e thusa batho ba le bantsi bogolo jang ka e bapile le tsela ya A1 e dikotsi di nnang dintsi mo go yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Artesia

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Jan 2016