Mogokgo o itumelela tirisano mmogo
25 Jan 2016
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tutume Central, Mme Vinga Mongwaketsi, o lebogetse batsadi le baeteledipele ba motse tshwaragano le tirisano mmogo.
Mme Mongwaketsi o buile seo mo moletlong wa dijo tsa motshegare o o neng o rulagantswe ke mokhanselara wa Tutume Bokone, Rre Ishmael Mokgethi ka Labone.
A re batsadi ba kgotla ya Madikwe ba supa lerato thata ka le fa ba bilediwa bokopano jwa barutabana le batsadi, ba tla ka makatlanamane.
O bile a re ba supile seabe sa bone se setona ka nako ya kago ya ntlo ya ngwao mo sekoleng, a gatelela ka gore kemo nokeng ya bone e ba lebadisa le dikgwetlho tse ba nang natso mo sekoleng, ka fa ba kopanang le tlhaelo teng ba ba tswa thuso. Mme Mongwaketsi a re sekole se lebanwe ke tlhaelo e tona ya matlo a borutelo, mo ebileng mephato e ka nna supa e rutelwa ka fa tlase ga ditlhare mme a re le palo ya baithuti e oketsegile mo e setseng e ya kwa go makgolo a robabongwe.
O tsweletse a tlhalosa fa monongwaga ba okeditse ka setlhopha sa bananyana ba ba iseng ba simolole sekole ba ba rutuntshiwang go re ba tlwaela sekole, a re mophato oo ba bone go tshwanela gore ba rutelwe mo ntlong lehala hala ka gore ka fa tlase ga ditlhare go ka seke go ba siamele ka ba bannye.
Mogokgo o ne a lebogela lenaneo la Ipelegeng, a bolela fa badiri bao ba thusa thata go phepafatsa sekole, a re bothata jo ba kopanang najo ke gore badiri bao ba romelwa fela kwa go bone ba sa bolelelwe gore ba bereke jang le bone, ka jalo ga ba kgone go lebelela tiro e ba e dirang, ka jalo a kopa ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go rerisanya le bone.
Fa ba lekodisa ka maduo a lokwalo lwa bosupa a ngogola, o ne a bolela fa sekole se sa dira sentle ka se le mo maemong a masome mabedi le bosupa mo dikoleng tse di masome mane le botlhano tse di mo kgaolong-potlana ya Tutume.
A re le ntswa ba sa dira sentle, mo baithuting ba ba neng ba kwalwa ba ba lekgolo le masome mabedi le bosupa, ba le lesome le borobabobedi ba tsere maemo a ntlha, fa ba maemo a bobedi bone ba le masome mabedi, ba maemo a boraro ba le masome matlhano le bongwe fa ba bo dintlhotse ba le masome mararo le borobabobedi.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara Mokgethi o ne a galaletsa sekole seo thata, a re le ntswa ba sa dira sentle, mme ba kgonne go ntsha palo e ntsi ya baithuti ba ba tsereng maemo a ntlha fa go tshwantshangwa le dikole tse dingwe mo kgaolong ebile di se palo e ntsi jaaka bone.
Rre Mokgethi a re ka jalo, seo se batla kakgolo le thotloetso gore mo nakong e e tlang ba kgone go dira go feta mo ba go dirileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Moletlo
Date : 25 Jan 2016






