Breaking News

Sekole sa bananyana se tlaa agwa kwa Sekhutlane

25 Jan 2016

Mothusa Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso, o boleletse banni ba Sekhutlhane fa motse wa bone o tlaa agelwa sekole sa bananyana ngwaga ono ke lefatshe la Japan ka P700 000.

O buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano. A re khansele e ikaelela gore bana ba simolole thuto ka  sa le bannye.

O boletse fa konteraka e e tsileng go aga e tlaa hira banni ba motse.

Rre Seametso o kopile batsadi go kgathala ka thuto ya bana ba bone gore le bone ba tswe kwa morago ba seka ba baya sengwe le sengwe mo pusong fela. A re kago e ya go nna le ditsompelo tsotlhe jaaka tse di kwa ditoropong.

O boletse fa puso e boloditse ntwa kgatlhanong le lehuma. 

Rre Seametso a re bana bao ba tsoga ba ba boloka mme ba ba tlhole kwa dikoleng ba bo ba dirisane le barutabana ka bongwefela a pelo.

“Le ba le masego a lona gore dineo tsa lona di okediwe’’ ga bua Rre Seametso yo o boletseng fa e le bone fela mo kgaolong go agelwa sekole se se ntseng jalo. 

Ba seka ba ngongoregela ruri mme ba lebogele lemmenyana le ba le bonang.

Banni ba ne ba amogela mafoko ao ka meduduetso le magofi, ba bolela fa motse wa bone o tlaa tshwana le magae a mangwe.

Ba boletse fa ba tla rotloetsa bana go tsena sekole ka natla e bile ba amogela maiteko a puso le mananeo a yone. 

Mme ba kopile go agelwa ofisi ya kgotla, koloi ya kokelwana le go oketsa matlo a bodiredi.

Ba boletse fa dipeba le bo mmamanthwane di tshewenya mo matlong a bone. 

Ba boletse fa metsi a go aga matlo a bone a tlhaela mme go dire gore ba palelwe ke go ikagela.

Ba boletse fa kokelwana ya bone e sena nako e shafadiwa, e le makgasa mmogo le ntlo ya mooki.

Le fa go ntse jalo, Rre Seametso o boletse fa tse dingwe di tlaa dirwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) jaaka diofisi tsa kgotla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Sekhutlhane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Jan 2016