Thotloetso e ka tiisa bana moko
25 Jan 2016
Go lebega monongwaga kgaisanyo ya go tsaya maemo a ntlha mo lekwalong la bosupa e tlaa nna e e mashetla kwa sekoleng se sebotlana sa Makaleng.
Se se tla jaana morago ga gore monni mongwe wa motse oo, Rre Ronald Doba a itlame go atswa baithuti ba ba tlaa tsayang maemo a ntlha ba sekole seo ka lemmenyana ngwaga le ngwaga.
Rre Doba o boletse jalo fa a rolela baithuti ba le bararo ba ba dikileng ba tsere maemo a ntlha mo lekwalong la bosupa makgolo a le mabedi a dipula mongwe le mongwe wa bone, mo moletlong o mokhutshwane o o neng o tshwaretswe kwa sekoleng seo kgwedi eno e le masome a mabedi le bobedi.
Rre Doba o ne a tlhalosa fa a lemogile fa thotloetso e le botlhokwa thata ka jaana e na le seabe mo go tiiseng bana moko go ka tlhwaafalela dithuto tsa bone, mme seo se ba thuse go ba betlela tsela e e ka ba isang golo gongwe mo botshelong le gone go tila go inaakanya le ditiro tsa borukutlhi.
A re morago ga tumalano le ba lelwapa la gagwe, o ne a rwala ditlhako go ya go lebisa bogogi jwa sekole se sebotlana sa Makaleng mogopolo oo mme ba o atla fela thata, a re mme batho ba tshwanetse ba tlhaloganya fa go dira seo go sa reye gore o na le madimadi, fela e le kgang ya go leka go rotloetsa bana.
Rre Doba a re o lemogile fa go le gantsi bana bangwe ba felela ba inaakanya le ditiro tsa borukutlhi, e se ka go bo ba tshotswe ba na le mowa oo mme e le ka ntlha ya seemo sa tikologo e ba tshelelang mo go yone.
E re ka jaana kgaolo ya Bokone Botlhaba e dikile e tsere maemo a ntlha mo maduong a lekwalo la bosupa a dikole tse dipotlana lefatshe leno ka bophara, mothusa mogokgo wa sekole sa Makaleng, Mme Kebagaise Mthunzi o ne a supa fa sekole sa bone e le sengwe sa tse di ntshitseng maduo a a nametsang.
Mme Mthunzi a re sekole seo se kgonne go tswa ka maduo a 90.3%, a re o dumela fa seo se kgonegile ka ntlha ya thotloetso ya batsadi ba Makaleng ka jaana ba ne ba ipha matsapa a go tsibogela pitso e ba neng ba e bilediwa kwa sekoleng.
Mogokgo wa sekole sa Makaleng, Mme Mmamasire Masole o ne a supa boitumelo, a kaya fa maduo a ngogola a beile sekole sa bone mo mmepeng, ka jalo a gwetlha batsadi go tswelela ka mowa wa bone wa go tlotla pitso ya kwa sekoleng.
Mme Masole a re go dira jalo go thusa gore ba direle bana ba bone boswa jo ba ka sekeng ba bo amogwa ke ope mo botshelong e leng thuto, a tlatsa gape ka gore tshwaragano ya batsadi le barutabana ke yone fela e ka thusang go betla bana go nna baeteledipele ba kamoso ba ba nang le boikarabelo.
Mongwe wa banni ba Makaleng, Rre Lexicon Ramokate, yo e bileng e le morutabana wa pele o ne a supa batsadi bangwe ka monwana mabapi le go itlhokomolosa boikarabelo jwa thuto ya bana le go nna maoto a tshupa go etela dikole ka mabaka a gore ba bo ba tshwerwe ke ditiro dingwe tsa mo lwapeng.
Rre Ramokate a re go a itumedisa go bona go na le batsadi ba ba rotloetsang thuto ya bana ba tshwana le Rre Doba, a re popagano eo e ka dira gore bana ba dire go feta jaaka ba dikile ba dirile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Makaleng
Event : Kabo-dimpho
Date : 25 Jan 2016






