Breaking News

Banni ba ikuela mo go Lotlaamoreng

25 Jan 2016

Banni ba Phitshane Molopo ba kopile gore ba busediwe ka fa tlase ga bogosi jwa Barolong gore ba tle ba kgone go diragatsa ngwao ya Serolong.

Banni ba Phitshane /Molopo le Sedibeng ba ikuetse mo mopalamenteng wa kgaolo ya bone, Kgosi Lotlaamoreng fa a buisa diphutego tsa kgotla ka Labone.

Rre Hoosein Pandor o boleletse mopalamente gore banni ba gaMolopo ba na le lebaka le le leele ba bua kgang mme le jaana ga go nko e e tswang lemina.

O tlhalositse fa seo se ba baya ka fa mosing ka jaana ditlamelo tsotlhe tsa kgaolo ya bone di tswa kwa Kanye mme go nne bonya gore di goroge kwa kgaolong ya bone.

Rre Khumoetsile Mmusi wa Sedibeng o ne a tlatsa ka gore seemo seo se babalela ngwao ya bone ya tlholego ka jaana ba nna mo ketsaetsegong gore ba tshwanetse go sala ngwao efe morago.

Rre Mmusi a re se sengwe gape ke gore seemo seo se koafatsa seemo sa thuto mo baneng ba bone ka gore ba felela ba sa tlhaloganye ka botlalo gore gatwe kgosikgolo ya bone ke mang.

Ka jalo ba ne ba gwetlha mopalamente go isa kgang eo kwa palamenteng gore e tle e bone tharabololo le bone ba tle ba itlhaloganye ka botlalo.

Mo go tse dingwe, ba ne ba lela ka tlhaelo ya ditlhabololo le ditlamelo mo kgaolong di tshwana metsi le motlakase, melemo le koloi e e rwalang balwetsi kwa dikokelwaneng ga mmogo le yone tlhaelo ya baoki.

Ba ne ba ikuela ka tirisano mmogo e e sa lolamang go tswa kwa go ba koporase ya metsi, ba tlhalosa fa ba kokonelwa ke madi a a kwa godimo a dituelo tsa metsi le mororo ba seke ba bona metsi mo dipompong tsa bone tsa malwapa.

Ba re se se ngomolang pelo ke gore le fa mmithara o ka thubega, ba diega go tla go o baakanya mo ba felelang ba ipatlela batho mo motsing go tla go ba baakayetsa ka jalo ba re ba lopa dituelo mo go ba koporase ya metsi.

Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Lotlaamoreng o tlhalositse fa kgang ya gore banni ba gaMolopo ba ntshiwe ka fa tlase ga bogosi jwa Bangwaketse e se ntsha mo ditsebeng tsa gagwe ka jaana ba kile ba nna bokopano le tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go leka go rarabolola kgang eo.

O supile fa kgang eo,  e santse e le mo tafoleng mme a solofetsa morafe gore o tlaa nna a ntse a ba lekodisa ka dintlha tsa kgang ya teng gore ba nne le lesedi.

O ne a ba tlhalosetsa fa a tlaa ya go kopana le ba koporase ya metsi le botlhe fela ba maphata a a maleba mabapi le tlhaelo ya ditirelo tsa bone mo kgaolong gore ba tle ba tsenye leitlho diemo tse di amang seemo sa tlhaelo ya ditirelo mo kgaolong gore di tle di tokafadiwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Phitshane Molopo

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Jan 2016