Tlhokomelang thuto ya bana
24 Jan 2016
Mothusa kgosi ya Phase 4 kwa Francistown, Kgosi Pogisego Mosarwe o rotloeditse batsadi go tlhokomela thuto ya bana ba bone ka go siametse bokamoso jwa bone.
Kgosi Mosarwe o rotloeditse seo mo phuthegong ya mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Wynter Mmolotsi.
O tlhalositse fa go na le nngwe thuto e e bidiwang CAPA kwa sekoleng mme e tsentse bana lesukasuka, a tlatsa ka gore thuto eo e supa fa e ruta ngwana ka tsa bodiragatsi.
A re barutabana bangwe ba ruta ka dielo tsa bone ka jalo o kopile batsadi go adima buka eo kwa sekoleng, mme ba tataise bana ba bone ka bangwe baithuti ba le bonya go ka tshwara.
Modualsetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Boikhutso kwa Somerset West, Rre Herbert Nkabiti, o lekodisitse mopalamente wa kgaolo eo fa ba semeletse ka go dira ditlhabololo mo kgaolong.
O supile fa e ne ya re mo lebakeng le lekhutshwane ba tlhabololo sekole sa bananyana sa fokotsa ditshenyegelo tsa ditlhwatlhwa tsa dipalamo.
Rre Nkabiti o buile gore ba kgonne go tsenya sekole dilo ka bontsinyana ditshwana mabati, digalase, motlakase, le tse dingwe fela jalo.
O tlhalositse fa ba setse fela ka mealo ya fa fatshe (tiles) mme madi one a setse a fedile, le fa go ntse jalo a re ba nna fela ba tsweletse ba kgobokanya madi ka go dira bommabontlenyane le ka tsa itshidilo mmele.
Rre Nkabiti o rotloeditse morafe go dira mmogo ka go ema ka dinao nako e sale teng go ipakanyetsa moletlo o o tlang wa BOTS 50. A re o eletsa gore mokete oo o nne ka tsela e e pharologanyo ka o tlaa bo o tlhakane le mokete wa go ipelela matshego a Vision 2016.
Mo go tse dingwe o lekodisitse mopalamente fa lephata la IEC le tlhalositse fa mafelo mangwe a matlhophelo a a sa sireletsegang a tlaa tswa mo tirisong.
Re Nkabiti o tsweletse a re mafelo a tshwana dikokelo, ga mmogo le lefelo la God`s love e le mangwe a a tlaa amegang, a tlatsa ka gore ba IEC ba tlhalositse fa ba tlaa kopa dikereke go tla go di dirisa.
Mopalamente o ne a etetse kgaolo le go tla go utlwa matshwenyego a morafe le gone go tsaya megopolo go e isa palamenteng.
Rre Mmolotsi o solofeditse morafe go re le ene o tlaa etela ofisi ya khansele go utlwa le go netefatsa gore a a diphetolo tsa bone di a dirafadiwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Francistown
Event : Phuthego
Date : 24 Jan 2016






