Komiti e rulaganya paakanyo ya letamo la Mokoti
24 Jan 2016
Le mororo puso e dule ka mananeo a go thusa Batswana go itshetsa, matamo mangwe a morafe a a dirilweng ka mananeo ao le ditshingwana tsa ditlhare, ga di dirisiwe.
Metse ka bontsi e na le ditshingwana tseo, tse di ka dirisiwang dilo tse dintsi gareng ga tsone temo le sediba kana letamo la motse go dirisiwa ke morafe oo.
Kwa Mabalane mo kgaolong ya Kgatleng letamo le ba saleng ba le direlwa ke puso ka dingwaga tsa bo 1983 go ya go 1985 le le bidiwang Mokoti le thubegile ka ntata ya dipula tsa bosheng.
E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mabalane, Mme Christinah Kgaswe, a bua mo potsolosong ka Labotlhano, a supa fa letamo leo le le mosola fela thata.
A re go thubega ga lone go tsisa matshwenyego a mantsi mo morafeng oo bogolong jang mo baruing ba dikgomo ba e leng bone ba ntseng ba le dirisa fela thata.
Mme Kgaswe a re ka jalo ba ikaeletse go kopa dithuso ka Ipelegeng gore letamo leo le baakanngwe mme le tle le nne mo seemong se se siameng sa go tshwara metsi.
E re dikgang di eme jalo, Mme Kgaswe le komiti ya gagwe ba supile fa go santse go na le dikgang tsa barui bangwe ba ba sa bolong go dirisa letamo ba batla go le ikgagapelela ba re ke la bone ntswa lone e le la morafe.
A re kgang eo e santse e tsweletse ka jaana ba supa fa e le la bone fela ka gore khansele e ne ya ba fa terata go le agelela mo nakong e e fetileng.
Komiti eo e supile fa letamo leo le sale le epiwa ke puso e le la morafe mme ga go na ka fa setlhopha sengwe se ka le neelwang ntleng le dipuisano le morafe wa Mabalane.
Go bapa le letamo leo go na le tshingwana ya ditlhare e go supegang gore e kile ya bo e bereka sentle mme jaanong e tlogetswe mme jaanong ditlhare tseo di sa dirisiwa sepe.
Mo tshingwaneng eo go na le sediba se ka nako ya gompieno se sa berekeng mme komiti ya ditlhabololo e supile fa e tlaa sala dikgang tse morago le gone go tsosolosa tshingwana eo.
Mme Kgaswe a re go kile ga bo go na le tshingwana ya merogo go bapa le letamo leo mme sebe sa phiri ya nna metsi a a neng a hupetsa dijwalo ka nako ya dipula mme setlhopha seo sa tlogela go lema koo.
O supile fa tshingwana eo le letamo di ka tswela banana ba Mabalane mosola fela thata ka ba ka simolola dikgwebo tsa bone ba le dirisa bogolo jang ba ba ratang dilo tse di tsamaisanang le temo-thuo.
Modulasetilo a re ba ikaeletse go kgothatsa banana go ema ka dinao go dirisa sebaka seo go tokafatsa matshelo a bone.
A re sengwe sa dilo tse di tlhokafalang ke go baakanya letamo leo le gone go le shafatsa ka go le katolola gore le kgone go tshwara metsi a mantsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mabalane
Event : Potsolotso
Date : 24 Jan 2016






