Breaking News

Mahalapye o tlaa tlhabololwa

24 Jan 2016

Ditiro tse di tlaa dirwang kwa Mahalapye ka lenaneo la go rudisa itsholelo di akaretsa katoloso ya kokelwana ya go aba madi a mmele, kago ya matlwana a borutelo le matlwana a boitiketso ga mmogo le matlo a barutabana.

Mopalamente  wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe, o boleletse batho ba kgotla ya Parwe mo phuthegong ya kgotla gore ditiro tseo, tse di tlaa dirwang mo dingwageng tse nne ka go tlhomagana, ke maiteko a mmuso go tsweledisa ditiro tse di neng tsa seegelwa kwa thoko ka ntlha ya letlhoko la madi le le bakilweng ke kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe.

Rre Molefe o tlhalositse fa dingwe tsa ditiro tse di tlaa dirwang mo ngwageng wa madi wa 2016/17 ka lenaneo la go rudisa itsholelo e le go baakanya ditsela, go romela banana kwa dikoleng go ya go ithutela ditiro le kago ya matlo a le some ka lenaneo la turn-key.

Mopalamente o boleletse batlhophi gore dingwe tsa ditiro tse di tsweletseng ka go dirwa kwa Mahalapye ke kago sesha ya kampa ya mapodise le kgokelo ya dipompo tse di phatlalatsang metsi le motse.

Mo diphuthegong tseo, Rre Molefe o ne a kgothatsa batho ba Parwe go reka diabe mo khamphaning ya ditlhaeletsanyo ya BTCL, go dirisa lenaneo la Gender Affairs go simolola dikgwebo le la LIMID go itlhotlhora lehuma ka go reka dihutshane.

A  re e le Batswana ba tshwanetse go ipaakanyetsa meletlo ya boipuso jwa Botswana jwa dingwaga tse di masome matlhano, go ipelela molelo wa kgolagano o o tlaa gorogang kwa Mahalapye Seetebosigo a le masome mabedi le boferabobedi, go atla lenaneo la go rudisa itsholelo.

Batho ba Parwe ba ne ba supa boitumelo mabapi le go simolodisiwa ga lenaneo la ESP le la Gender Affairs ka ba re mananeo ao a itebagantse le go tokafatsa matshelo a Batswana ga mmogo go rotloetsa Batswana go tsena ka mmetela mo dikgwebong tse di ka ba ntshang mo lehumeng la nta e tshetlha.

Ba re le ntswa lenaneo la Gender Affairs le ka solegela Batswana molemo, sebe sa phiri ke tlhaelo ya lefatshe le ba ka dirang dikgwebo mo go lone.  Ba kopile mopalamente go ba kopela mmuso go ba agela diofisi tsa kgotla le loobo lo ba ka tshabelang dipula le letsatsi mo go lone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Oreeditse Thwabi o boletse fa maikaelelo a komiti ya gagwe e le go aga matlwana a boitiketso mo dikgotlaneng tsa Dilaene le Parwe 2, mme a bolela fa mathata a matona e le letlhoko la madi. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 24 Jan 2016