Breaking News

Molelo wa kgolagano o feta kwa Komana

24 Jan 2016

Motsana wa Komana mo kgaolong Ngamiland o amogetse molelo wa kgolagano ka maatlametlo.

E rile a bua le ba ba neng ba tsene moletlo oo, kgosi ya pele ya Komana, Rre Khumanego Molelo a tlhalosa fa motse o, o tlholegile kwa Tsau wa bo o ya Toteng.

Go tsweng foo motse o ne wa fudugela kwa Boro pele  o ya kwa Maun ka ngwaga wa 1914 .

Rre Molelo fa a ne a lekodisa phuthego ka ditso tsa motse ko kamogelong ya molelo wa kgolagano mo kgotleng ya Komana bosheng.

Rre Molelo a re Maun o ne a kgaogantswe ka dikgotlana tse di ileng tsa felela di phatlalala le metse e ekaretsa Makalamabedi le Shorobe. 

A re morafe wa Komana o ne e le  wa kgotla ya Mabudutsa kwa Maun.

A re leina la Komana le tholegile ka gore ba ne ba bapile le lekadiba la Komana mme tota sentle ka tlholego Komana o ne a  bidiwa  Kika ya Seolo. 

O tsweletse ka go netefatsa gore ba ne ba tlolela kwa moseja ka ngwaga wa 1937 mme ba boela kwa Komana ka 1965 ba busiwa ke go tlala ga noka. 

O tlhalosite Fa Komana e le motse o o nang le bodiredi ja puso le ditlhabololo ka go farologana.

Pele fa a neela kgosi ya motse molelo wa kgolagano, Kgosana Charles Motshozo wa Toteng o ne a fetisa  molaetsa go tswa kwa go Kgosi Kemang Nkakobang wa motse oo yo o supileng fa  ba bone molelo wa kgolagano.

A re merafe ya metse e mebedi eo ba nne ba itse gore puso ga e a ba lebala e bile ba dire ka natla le ka mowa wa popagano ka gore molelo o o tshwaraganya Batswana.

 Kgosi Omphile Bogoma wa Komana  o ne a amogela molelo wa kgolagano mme a leboga botsadi jo bo tswang Toteng a ba a tlhalosa gore ba amogetse molelo ka tlhompho.

Kgosi Bogoma a re o solofela fa molelo o tlaa phatsima o bo o bonesetsa morafe wa Komana. O tlhalositse gape gore ba tlaa nna ba itse gore ba lekotswe fela jaaka molelo o ba golaganya le tshaba yotlhe ya Botswana.

Kgosi Bogoma o supile fa letsatsi le e le le le faphegileng e bile le supa popagano le bommogo.

Ipelelo ya letsatsi e ne ya natifisiwa ka moopelo ke khwaere ya motse, leboko le go etela mafelo a a faphegileng a ditso a akaretsa  setlhare sa Motsentsela le matlhapelo a banna.

Fa a tlhalosa, mogolo wa motse Mme Gaekgathe Tlou, a re ba kgethile setlhare seo sa motsentsela gore ba ipelele boipuso mo go sone a na le kgosi ya pele Rre Khumanego Molelo e bile ba ne ba sa itse gore go tlaa agiwa  sekole teng.

Mme Tlou o tsweletse ka go supa gore e ne e re ba phuthegile jalo ka boiupso go ne go kotangwa dikgong tse a neng a di supa foo, a re ba ne ba sa kgathale ka leswe. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Kelebileone Kokiso

Location : Komana

Event : Moletlo

Date : 24 Jan 2016