Breaking News

Diragatsang mananeo a puso

21 Jan 2016

Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe, a re baeteledipele ba lefatshe leno ba ngongoregisiwa ke badirelapuso ba ba sa ikemisetsang go diragatsa mananeo a puso.   

Rre Molefe o ntshitse matshwenyego a bosheng mo phuthegong e a neng a e kopanetse le badirelapuso go lekodisana ka ditlhabololo tsa kgaolo, go ba tlanyatlanyetsa ka dikgang tsa palamente e e fetileng le go utlwa matshwenyego le dikgwetlho tse badiri ba kopanang natso mo maphateng a bone.

Mopalamente a re le ntswa mmuso o dirile mananeo a a ka dirisiwang go tlhabolola matshelo a Batswana le go simolola dikgwebo tse di ka tswakanyang itsholelo gammogo le go bulela banana ba lefatshe leno diphatlha tsa mebereko, sebe sa phiri ke badirelapuso ba ba sa ikemisetsang go diragatsa mananeo ao jaaka go solofetswe.

Rre Molefe o boleletse phuthego eo gore tshwaragano le tirisano mmogo fa gare ga baeteledipele ba morafe jaaka maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, dikgosi le dikgosana, makhanselara, mopalamente le badirelapuso ke yone pinagare ya go tsweledisa ditlhabololo tsa kgaolo e ba direlang mo go yone.

Mopalamente o tsweletse ka go kopa badirelapuso ba kgaolo ya Mahalapye go kgothatsa batho ba kgaolo eo go ipaakanyetsa meletlo ya boipuso jwa ngwaga wa 2016 le go amogela molelo wa kgolagano o o tlaa gorogang mo kgaolong-potlana ya Mahalapye kgwedi ya Seetebosigo e le masome mabedi le motso kwa motseng wa Shoshong.

A re mmuso o ne wa tsaya tshwetso mo phuthegong e e fetileng ya Palamente go dirisa bontlha bongwe jwa madi a a beilweng kwa mafatsheng a sele go dirisiwa mo lenaneong la go rudisa itsholelo la ESP le maikaelelo a lone e leng go tsosolosa itsholelo, go rotloetsa Batswana go tsena mo dikgwebong tse di ka tswakanyang itsholelo le go bulela banana diphatlha tsa mebereko gammogo le go tokafatsa mhama wa temo-thuo.

Rre Molefe a re le ntswa badirelapuso ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaela ga dikoloi, tlhaelo ya boroko, tlhaelo ya bodiredi le tlhaelo ya diofisi, seo ga se a tshwanela go nna seipato sa go gana go direla setshaba jaaka e le keletso ya mmuso.

Mo phuthegong eo babereki ba mmuso ba ne ba lebogela mopalamente go kopana le bone kgapetsa-kgapetsa go ba lekodisa ka tsa palamente, go tsaya megopolo mo go bone, go lekodisana ka ditlhabololo tsa kgaolo le go utlwa dikgwetlho tse ba kopanang natso mo maphateng a ba direlang mo go one.

Ba re ntswa ba ititeile sehuba go diragatsa mananeo a puso jaaka la banana la Youth Development Fund, nyeletso lehuma, Ipelegeng le la go rudisa itsholelo la ESP ga mmogo le la LIMID sebe sa phiri ke tiego ya go goroga ga madi a a dirisiwang go rekela baikopedi didirisiwa tsa go simolola kgwebo le ntswa ba setse ba sekasekilwe e bile ba tswa dithutong.

Ba re fa madi a ditiro tsa lenaneo la nyeletso lehuma le la Ipelegeng a ka goroga ka nako e e tshwanetseng mo dikgaolong ba ka kgona go fefosa go thusa batho ba ba ikopetseng go simolola madirelo ka mananeo ao gammogo le go duela ba go rekilweng dihutshane mo go bone ka lenaneo la LIMID. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 21 Jan 2016