Breaking News

Taylor o kgothatsa banni

21 Jan 2016

Mookamedi wa Botswana Telecommunication Corporation Limited (BTCL), Rre Paul Taylor, o rotloeditse Batswana go reka diabe gore ba kgone go nna le dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone gammogo le go direla banana ditiro. 

Rre Taylor o boletse mo phuthegong ya kgotla kwa Mahalapye gore, e re ka mmuso o haraherwe ke ditiro ke sone se go tserweng tshwetso ya gore mmuso o ithole ditiro dingwe tse Batswana ba ka rekang diabe mo go tsone gore le bone ba kgone go akola meamuso ya lefatshe leno le go nna le dikgwebo tse di ka tswakanyang itsholelo.

A re batho ba ba nang le tshwanelo ya go reka diabe kwa BTCL ke ba e leng Batswana e bile ba na le Omang o o mo tirisong.  

O tsweletse ka go tlhalosa fa madi a go reka diabe a simolola ka sekete sa dipula go ya kwa godimo, mme a re go ka itumedisa go bona Batswana ba reka diabe ka mmetela gore ba kgone go nna le seabe mo tsamaisong ya itsholelo ya lefatshe la bone.

E rile kgosi Duncan Segotsi a tswa la gagwe, a kopa banni ba Mahalapye le metse e e mo tikologong go rekisa dikgomo le dipodi go ipaakanyetsa go reka diabe tse e ka reng kgabagare ba kgone go itshetsa ka tsone le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko ka jaana mmuso o  ka se kgone sepe ntleng le kemonokeng ya setshaba.

Kgosi Segotsi a re e re ka lefatshe leno le apesitswe ke leuba e bile dikgomo di simolola go swa, go mo maruding a bone e le barui go rekisa bontlha bongwe jwa dikgomo go reka diabe tse e ka reng morago ga leuba ba rekisa diabe tsa bone go reka dikgomo go emisetsa tse di bolailweng ke leuba.

Bontsi jwa batho ba ba neng ba akgela mo phuthegong eo e ne e le ba ba supang fa ba nyoretswe go reka diabe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 21 Jan 2016