Breaking News

Mahalapye o lela ka mapalamelo

21 Jan 2016

Banni ba Mahalapye ba re  ga ba jesiwe diwelang ke seemo sa maemelo a dipalamo tsa setshaba a motse wa bone.

Ba buile se mo phuthegong  ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya  Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefhe, mo bekeng eno.

Ba kaile fa seemo se, se sa ba itumedise fela thata bogolo jang dinako tsa dipula ka go sena fa batho ba ka tsamayang teng ka go ema metsi, mme ba itela mo pusong gore go dirwe mesele e e ntshang metsi.

E rile a amogela mopalamente mo kgotleng, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a tlhalosa fa seemo se, se sa siama e le ruri ka e bile le beng ba mabenkele a a gaufi le mapalamelo ba sokola fela thata le bone.

Kgosi Segotsi a re, motse wa Mahalapye go lebega o sokame ka jalo fa dipula di na metsi otlhe a tsamaya kwa botlhaba mme a fete a nne gone foo, a tlatsa ka gore ka gore go tshwana le dikgaolwana tsa Parwe, Tshikinyega le Dilaene le tsone di sa tsamaege  fa dipula di nele.

A re selelo se ke sa bone sa ngwaga le ngwaga mme le ntswa khansele e leka go se tokafatsa ga go na phetogo epe e e diragalang ka gore go felela go ntse go nna merwalela fela, mme metsi a ema gongwe le gongwe.

O ne a tlhalosa gore seemo se sa mapalamelo a setshaba se tlhomola pelo fela thata e le ruri, mme a kopa puso go ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng kgotsa go fudusa mapalamelo a.

Kgosi Segotsi o ne a bolela gape  ka kago nngwe e e kwa kgotleng ya Mahalapye  West e a supileng fa go lebega e agilwe ka diketekete tsa madi mme jaanong e setse e na le dingwaga di ka feta lesome e sa dirisiwe.

A re kago eo e bereka go nna e tlhokometswe fela ke badisa dikago mme motlha ke ono ga o kake wa bona ka letsatsi lepe e butswe e dirisiwa.

Kgosi Segotsi a re pele ba ne ba boleletswe fa kago e ya madimadi e le lefelo le le tlaa tlhokomelang ba ba  bokoa, mme jaanong e ija fela ga ba itse gore bothata ke eng, a kopa gore a bogolo e ka se dirisiwe go nna sepatela ya tsenngwa malao go leka go fokotsa mosuke o o kwa sepateleng se segolwane.

Banni ba ne ba lela gape ka seemo sa motse wa bone ba kaya fa motse wa Mahapalye e le motse fela o motona mme o le leswe e bile gape o le lefifi.

Mongwe yo o neng a tsene phuthego eo, Rre Boniface Disho o ne a kaya fa dipone tsotlhe tsa mo motseng wa Mahalapye di sa bereke mme ka jalo go sa nne sentle.

Rre Disho a re motse wa bone o ngomola pelo fela e le ruri a tlhalosa gape gore go tletse ditlhare fa gare ga motse ga mmogo le leruo le le sasankegang mo motseng wa bone.

O ne a kopa mopalamente gore go tsewe dikgato tse di tshwanetseng mme motse wa Mahalapye o nne le serodumo sa gore ke motse o motona. 

E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Molefhe a tlhalosa fa dilelo tsa puso di dirwa ke lenaneo le ka thulaganyo.

Rre Molefhe a re o tlaa itebaganya le maphata a otlhe ka matshwenyego a bone go ya go ba a lebisa mme a kopa banni go se fele pelo.

Ka lefelo la tlhokomelo balwetse le le mo kgaolong ya gagwe o ne a tlhalosa fa a isitse kopo ya bone kwa lephateng la botsogo gore kago e, e thuse ka go fokotsa mosuke kgotsa e tsene mo tirisong ka go setse go le dingwaga ngwaga e nna fela ntswa e fedile.

Fa a itebaganya le lefifi le le mo motseng wa Mahalapye ga mmogo le ditlhare o ne a kopa ba khansele go bona seemo se se baakanngwang ka o fitlhela fela ditlhare di sirile dipone tsa tsela mme se se kgoreletsa bakgweetsi.

Rre Molefhe o ne a tlhalosetsa banni gore ngwaga o wa 2016 ke ngwaga o o botlhokwa fela mo matshelong a Batswana.

O ne a rotloetsa thata baithaopi, bakgweetsi le banni ka kakaretso go ema ka dinao go bona gore le bone ba nna le seabe go baakanyetsa boipuso jwa monongwaga ga mmogo le molelo wa kgolagano o o tsileng go tla mo motseng wa Mahakapye ka kgwedi ya Seetebosigo g e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi go ya kwa go masome a mararo. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 21 Jan 2016