Breaking News

Emelang thuto ya bana ka dinao-Mangole

20 Jan 2016

Batsadi ba Dikgonnye mo kgaolong ya Mochudi Bophirima ba kopilwe go emela thuto ya bana ba bone ka dinao ka jaana e le bokamoso jwa bone.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi, mopalamente wa kgaolo eo, Rre Gilbert Mangole, a supa fa maduo a sekolo se se sebotlana sa motse oo a wetse tlase mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa.

A re ngwaga oo o fetileng ba ne ba dirile botoka fela thata ka bane ba bone 53 per cent mme gompieno ba wetse tlase go ya go 35 per cent.

Rre Mangole a re se se supa fa gona le tiro e ntsi e batsadi le barutabana ba tshwanetseng go e dira go tokafatsa maduo a bana.

O supile fa thuto ya bana e le mo maruding a batsadi ka ba tshwanetse go tshwaragana le barutabana go rurifatsa gore bana ba dira sentle.

Mopalamente Mangole o buile a sa kgwe mathe ka botlhokwa jwa go ema bana nokeng mo thutong ya bana.

A re boitseme jwa go etela sekolo bo tshwanetse jwa kgala mme batsadi ba dire se se tshwanetseng ka go dira mmogo le barutabana go ntsha maduo a a nametsang.

Mogokgo wa sekolo seo, Rre Sebilo Motlhaping, o ne a  supa fa batsadi ba le maoto a tshupa e bile ba sa eme bana nokeng mo thutong ya bone.

 A re sekolo sa gagwe se lebanwe ke kgwetlho e tona ya bana ba  ba tshabang sekolo mme batsadi ba sa thuse go ba busetsa sekolong.

Rre Motlhaping a re mo nakong e e fetileng o ne a tshwanela ke go latela bana ba ba neng ba kwala lokwalo la bosupa ko malwapeng ka bane ba sena kagtlhego ya go kwala fa bangwe batsadi ba bone ba ne ba ba tsweletse mo matlong.

O ne a supile fa sekolo seo sena le letlhoko la dibuka mme go nna le seabe mo kwelong tlase ya maduo mo sekolong seo ka bana ba patelesega go dirisa dibuka mmogo.

E re dikgang di eme jalo Rre Moatlhaping o ne auspa gape gore batsadi ga bana thuse bana ka tiro ya sekolo ko lwapeng (homework) mme seo se ngomola pelo le go feta.

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Phemelo Kgwefane o ne a bua a menne phata ka mosola wa go dira mmogo ga batsadi le barutabana mo thutong ya ngwana. 

 A re ga a jesiwe di welang ke go goga dinao ga batsadi fa go tla m o thutong ya bana bogolo jang ka ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa sekolo go utlwa gore matsapa di a tsaya kae.

Rre Kgwefane o rotloeditse batsadi go ema ka dinao le go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone.

E rile go le pele kgosi Ishmael Rakgati a amogela mopalamente le lekoko la gagwe a tswa ka mogopolo wa gore sekolo se sebotlana sa Khurutshe se fetolwe go nna boremelelo jwa dithuto tsa diatla.

 A re o buisiwa se ke gore bana ba ba tsenang sekolo seo ba palo potlana mme ba ne ba ka isiwa kwa sekolong sa Kgomodiatshaba.

Kgosi a re fa mogopolo wa gagwe o ne o ka atlega banana ba kgaolo eo ka bontsi ba ne ba ka bona dithuto tsa diatla segaufi.

Rre Mangole o ne a supa fa a kile a ntsha mogopolo ko Khanseleng gore sekolo seo se dirisediwa go thusa bana ba dikhutsana le ba-na-le bogole mme mogopolo wa gagwe wa itaya se fololetse. 

 

A re nako e tsiel ya gore puso ka lephata la thuto ba akanye sesha gore ba ka dirang ka sekolo seo bogolo jang ka go le turu go tsamaisa sekolo mme palo ya bone e le kwa tlase. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Dikgonnye

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 20 Jan 2016