Breaking News

Legal Aid e bula ofisi kwa Tsabong

20 Jan 2016

Batswana mo kgaolong ya Kgalagadi ba rotloedtswe go dirisa ofisi ya Legal Aid Botswana (LAB) e e butsweng kwa Tsabong bosheng.

Mafoko a a builwe ke mogolwane go tswa mo lekalaneng leo, Rre Oduetse Lanngwane, mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo.

 Maikaelelo e ne e le go tlhalosetsa setshaba ka lekalana leo.

Rre Lanngwane a re Legal Aid e thusa ka tsa semolao batho ba ba dikobo dikhutswane ba ba senang itsholelo ya go batla babueledi.

A re dikgang tse lekalana le ka thusang mo go tsone di akaretsa tsa malwapa, tsa khiro, tsa lefatshe dikgang tsa pereko, ditumalano, dikgang tsa kgaogano ya dithoto tse di amang bana fa mongwe wa batsadi ba bone a tlhokafetse le tse dingwe.

Mogolwane go tswa mo lekalaneng leo o supile fa gareng ga tse dingwe le thusa ka dikgakololo le go tshereganya mosekisi le mosekisiwa kwa makgotleng a  ditsheko. 

Rre Lanngwane o ne a kaya fa e le boeteledipele ba lekalana leo ba ne ba bona go le botlhokwa go atametsa ditirelo tsa bone mo kgaolong eo bogolo ka bontsi jwa banni ba yone e le ba ba tlhokang.

Fa a rola le go supa bodiredi semmuso ba ba tlaa thusang mo ofising eo, o kaile fa ba le bararo ka palo le gore ke bodiredi jwa tlhwatlhwa jo bo nang le boikarabelo, mme a kopa setshaba go ba amogela le go ba dirisa ka fa go tlhokafalang ka teng le gore ofisi ya bone e bapile e diofisi tsa ga molaodi.

A re pele ga ba thusa motho ba tshwanelwa ke go mmotsolosa mo go tseneletseng le gone go tlhotlha dikgang tsa gagwe pele gore a ba ka mo thusa jang mabapi le kgang e a tlang ka yone le gone go kala bokete jwa yone.

Rre Lanngwane o ne a supa fa bontsi jwa dikgang tse di gorogang kwa go bone mo lekalaneng leo e le tsa tlhalo gareng ga tse dingwe mme a kopa setshaba go dirisa ofisi eo ka fa go tlhokafalang ka teng ka mo nakong ya gompieno go se na dituelo dipe tse di lopiwang mo go bone.

 Le fa go ntse jalo mogolwane go tswa mo go ba LAB o ne a tlhalosetsa phuthego eo fa go na le dikgang dingwe tse lekalana leo le sa thuseng mo go tsone ka go emelwa ke diagente di tshwana le tsa borukutlhi, thubelo lolwapa, tsholofetso nyalo, tiga lebele, tlhagela, dikgang tse di kwa makgotleng a Setswana le tse dingwe.

Go le pele fa a amogela baeng mo kgotleng kgolo ya Tsabong boemong jwa kgosi kgolo David Toto ll,  kgosana Piet Kaatzee o ne a lebogela thata ba lekalana la LAB ka le tlaa solegela molemo thata batho ba kgaolo eo mo go tlhaloganyeng tsa semolao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 20 Jan 2016