Bana ba tlhoka thuto ba sa le babotlana
20 Jan 2016
Mogokgo wa sekole sa bananyana sa Kgodisong Centre kwa Kanye, Rre Ofentse Solomon, a re go botlhokwa go neela ngwana motheo wa thuto a santse a le mmotlana.
A re go dira jalo e tlaa bo e le go mo tlhagolela tsela go tswelela sentle le dithuto tsa gagwe go ya pele.
Rre Solomon o buile se fa a amogela baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Seepapitso ba Class of 1997 ba ba neng ba rolela sekole seo tiro e ba ntseng ba e dira ya go penta sekole sa bananyana sa Kgodisong Centre.
Rre Solomon a re sekole sa Kgodisong Centre ke sa phuthego ya UCCSA a tlhalosa fa se amogela bana go tswa ka dingwaga tse pedi le sephatlo go fitlha ka tse thataro, a re go bo ba amogela bana go tswa ka dingwaga tse pedi le sephatlo ke gone go rotloetsa thuto ya bana ba santse ba le babotlana.
A re fa bana ba simolola sekole ba le babotlana go nna molemo thata ka ba golela mo go sone mme seo se ba rotloetse go rata thuto, a re seo se alafa seemo se mo go sone bana bangwe ba tleng ba tlogele sekole kontle ga mabaka ape.
O tlhalositse gore sekole seo se amogela bana ba masiela, ba batlhoki, le ba balwetsi ba ba sa itireng sepe, jaaka balwala tlhaloganyo, a tlhalosa gore mme pele ga bana ba amogelwa mo sekoleng seo ke gore batsadi ba tsene pele ka khansele.
Rre Solomon a re bana ba dingwaga tse pedi le sephatlo fa ba amogelwa mo sekoleng seo ba abo ba santse ba ithuta puo mme fela ka bonako ba kgone go tlhalosa puo selo se a reng ke go supa kgatelopele ya sekole sa gagwe, a tlholosa fa ba tshwaragane le ba Ramatea Vocationa Training.
O buile gore ba na le letlhoko la ditsompelo a tlhalosa gore fa e ne e se ka seemo se bana bangwe ba kabo ba fiwa boroko mo sekoleng ka gore ga ba nne sentle kwa malwapeng a bone.
Fa a tswa la gagwe mme Ogaufi Tafa go tswa kwa ofising ya CEDA, o ne a akgola baithuti bao ba pele ba Seepapitso Class of 1997 a re ba dira tiro ya botlhokwa ka seo e le go tsweledisa Vision 2016 ka se ba se dirangb e le go diragatsa letshego la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala, a ba a leboga thata a re go lesego letsogo le le abang gona le le le amogelang.
Moeteledipele wa mokgatlho oo Rre Peter Mopati o tlhalositse fa mokgatlho wa bone wa Seepapitso Class of 1997 o simologile ka ngwaga wa 2012 mme wa kwadisiwa ka ngwaga wa 2014 kwa go ba kwadiso ya mekgatlho.
Rre Mompati a re ba o simolotse ka mabaka a gore ba itsanye le go rwadisanya merwalo e ka tswa e le manyalo kgotsa loso, a re gape ba ikemiseditse go dirisanya le morafe wa Kanye le metse e e mo tikologong ya Kanye.
A re gape ba ikemiseditse go tsena diphuthego tsa kgotla go ithuta ngwao, gammogo le go thusana le barutabana ba sekole se segolwane sa Seepapitso, go bopa botho jwa baithuti ba sekole seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Kamogelo baithuti
Date : 20 Jan 2016






