Tiego e ngongora banni ba Sehithwa
20 Jan 2016
Banni ba Sehithwa ga ba itumelele tiego ya gore motse wa bone o tlhomiwe kgaolo-potlana.
Ba re ba tswa kgakala ba lela ka kgang eo ka jaana motse o gola mme ba ne ba solofeditswe fa Sehithwa e tlaa nna kagolo-potlana jaaanong ba ipotsa gore madiadia ke a eng.
Ba supile selelo sa bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Thato Kwerepe bosheng.
Banni ba re ba latela ditlamelo kgakala kwa Maun ka jaana bontsi jwa diofisi tsa puso di seyo mo motseng wa bone.
Kgosi Boitiro Dithapo a re tumalano e ne e le gore kgaolo-potlana eo e tlaa isa ditlamelo kwa metseng e le boferabongwe a tlatsa ka gore setsha sa dikago se ne se setse se bonwe.
A re go lemosegile fa setsha se se aperwe ke dikgang ka jaana a utlwile fa bangwe ba setse ba beilwe ditsha teng e ebile maphata a a amegang a supile fa a sena madi a go atswa beng fa ba fudusiwa.
Kgosi o kopile mopalamente go tlhotlhomisa kgang eo ka a lemoga e ka baka tiego ya go aga diofisi tse ba di solofeditsweng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Maletelo Molatlhiwa, o ne a konetelela mafoko a ga kgosi a re ba solofeditse gore motse o tlaa nna kgaolo-potlana e bile ba tlaa agelwa matlhabelo.
A re ba ntse ka tsholofelo ka jaana ba lebile gore go agaiwa ga diofisi tseo go tlaa tlhamela banni mebereko.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Molatlhiwa o ne a supa ngongorego ka go diega ga go emisetswa ga bodiredi jo bo fudusiwang. A re ba ntse lebaka ba sena mmaboipelego morago ga gore yo a neng a le teng a fudusiwe a tlatsa ka gore le ntlo ya gagwe e setse e fetogile boremelelo jwa dirukutlhi.
O ne a lela gape ka letlhoko la koloi mo kgotleng a re ba bogosi ba goga ka bokete ka jaana ba sena sepalamo.
Fa a tsibogela dikgang tseo, Rre Kwerepe o ne a supa fa e le boammaaruri Sehithwa a tshwanelwa ke go nna kgaolo-potlana.
A re le ene o itse fa setsha sa dikago tseo se abilwe mme go lemosegile morago gore go na le batho bangwe ba bo maipaya fela mo go sone.
Rre Kwerepe o solofeditse banni fa a tlaa sala kgang eo morago.
Mopalamente o ne a supa gape fa a na le tsholofelo ya gore lenaneo le lesha la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme le tlaa araba dingwe tsa dilelo tsa bone.
E re dikgang di eme jalo, banni bangwe ba ne ba ikuela ka bogodu jwa leruo jo ba reng bo ba apesitse kobo ka letshoba.
Ba re masaka a agilwe mo sekgweng mme dikgomo tsa bone di bolaelwa koo beke le beke di bo di rekisiwa.
Ba re e re lentswa ba aparetswe ke leuba, magodu a bihisitse seemo ka jaana bontsi jwa banni bo setse fela bo itshopere. Ba re maiteko a bone a go begela ba sepodisi a itaya sefololetse ka jaana go senko e tswang lemina. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Sehithwa
Event : Phuthego Ya kgotla
Date : 20 Jan 2016






