Ba fitlhetswe ka mokowa wa ditlhapi
19 Jan 2016
E rile bosheng mapodisi, masole le lephata la diphologolo ba tshwara batho ba le lesome morago ga go fitlhelwa ka mokowa wa ditlhapi kwa Ngami.
Batho ba le batlhano, ba go belaesegang e ne e le batswakwa, ba ne ba le botsa phokoje.
Ba belaelwa ba fitlhetswe ka mekowakowa ya ditlhapi tse di omisitsweng le tse di metsi.
Go tshwarwa ga ditlhapi kwa Ngami go santse go emisitswe ka nakwana, ka jalo yo di tshwarang o ipiletsa tsheko.
Bangwe ba batho ba ba tshwerweng ke basetsana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borobabobedi le masome a mabedi.
Ba boletse fa go le bokete gore ba re ba ka emisa go tlola molao le ntswa ba tlhaloganya gore ke molato ka ba re ke gone ka fa ba tshelang ka teng ka e bile ba sa bereke fa e sale ba fetsa mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Maun ka 2013.
Go ya ka mogolwane wa diphologolo makgabisanaga kwa Maun, Rre Gaebonwe Monnaatsheko, batho ba ba tshwerweng ba tlaa atlholwa sekete sa dipula fa ba ka bonwa molato.
E re dikgang di eme jalo, mogolwane wa mapodise a Sehithwa, Assistant Superintendent Moutlwatsi Ikobeng a re go batlwa ga rre yo magatwe a neng a re o wetse mo letsheng leo go emisitswe ka tota go ne go se na bosupi jo bo papametseng jwa gore motho o nwetse mo nokeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Sehithwa
Event : Potsolotso
Date : 19 Jan 2016






