Breaking News

ESP ke lenaneo la dingwaga tse tharo-Molao

13 Jan 2016

Lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) le tla a dirwa mo dingwageng tse tharo go simolola ka ngwaga wa kabo madi a setshaba wa 2016/2017.

Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao, o buile jalo mo  diphuthegong tsa dikgotla kwa Sebina, Nshakashogwe le Marapong ka Labobedi. 

A re lenaneo la ESP le diretswe go fefosa mananeo a a neng a tshwanetswe go ka bo a ne a dirilwe ka ditogamaano tsa ditlhabololo tse di fetileng  mme ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo a seegelwa fa tlhoko.

O ile a tlhalosa fa seo se sa reye gore mananeo ao otlhe a tla dirwa, mme fela go tla nna go tlopolwa fale le fale ka le yone itsholelo ga e gole ka selekanyo se se neng se akanyeditswe sa bone mo lekgolong (4 per cent)  e santse e le kwa tlase thata ka selekanyo sa 2.9 per cent.

 Rre Molao a re mo ESP go solofetswe go atolosa kokelwana ya Sebina le go tsenya dingwe tse di neng di seyo mo go yone le go baakanya dikole.

O ne a ba gwetlha go nna pelotelele ka sejo sennye se sa fete molomo,a bo gape a kopa bomme go ipopa ditlhopha gore ba tle ba kgone go akola madi a a tlang ka lephata la Gender Affairs a le one a le mo thulaganyong ya ESP.

Rre Molao a re go bo a rotloetsa gore ba nne ditlhopha ke gore fa ba le ditlhopha bontsi bo tla kgona go akola mme fa mongwe le mongwe a ka leka go  ikemela ga se botlhe ba ba ka atlegang, a gatelela ka gore wa o esi ga o ele.

O tsweletse a bolela fa lephata la thuto le tlhabololo dikitso le ne la dira tlhulaganyo ya gore banana botlhe ba ba neng ba seka ba dira sentle kwa dikoleng ba ruthuntshiwe ditiro tsa itshetso ka thulaganyo ya target 20 000.

Banni ba metse eo ba boletse fa ba sa jesiwe di welang ke bogodu jwa leruo jo bo diregang bosigo le motshegare mo kgaolong ya bone.

Ba re bone ba ne ba solofetse fa ESP e ba tsholetse kago ya diofisi tsa mapodisi,kopo e ba tswang kgakala ba lela ka yone.

Rre Zibiso Botsoma wa Sebina a re motse wa Sebina o di goga kwa pele ka dikgang tsa borukutlhi le dipolaano tota,a re a puso e leke go potlakela seemo seo sa kago ya diofisi tsa sepodisi.

Rre Ebeza Gasha a re mananeo a puso e a dirang ekete a naya bomme tshiamelo e ntsi gona le borre,a a fa sekai ka la  Gender Affairs le gotweng bomme ba nne palo e ntsi, borre ba seka ba feta bongwe.

Rre Gasha o ne a ngongorega ka diphologolo tse di neng di sa tlhwaelesega mo kgaolong ya bone di tshwana ditlou,a re matimela ga se a dikgomo fela a ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba phuthe matimela a bone ka bone ga ba kake ba kgona go tshela le tsone.

Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, Rre Molao o ne a bolela fa bomme e le bone ba tshabelelwang  ke lehuma thata gona le borre a re ka mananeo ao ke go leka go ba tsholotsa. 

O ne a bolela fa go tla agiwa diofisi tsa lekgotla la ditsheko tsa ga  mmakaseterata kwa Tutume le Nata mo bogaufing  go leka go suteletsa ditlamelo kwa bathong.

 

O tsweletse a bolela fa kopo ya bone ya go agelwa diofisi tsa sepodisi e le thulaganyo e e teng mme e santse e tshwere ke letlhoko la madi. A re ba le te ka tsholofelo ya gore motlhang madi a nna teng e tla nna nngwe ya mananeo a a beilweng leitho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Sebina

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Jan 2016