Breaking News

Ba re ba amogilwe matlotlo a motse

13 Jan 2016

Banni ba kgotla ya Senthumule kwa Mogoditshane ba re ba amogiwa matlotlo a motse wa bone ntleng le tletla ya morafe.

Banni ba buile se mo phuthegong ya mopalamente wa kgaolo, Rre Sedirwa Kgoroba bosheng. 

Ba re se se ngomolang pelo ke gore masalela a matlotlo a motse oo, a  morafe o ka itshetsang ka one, a tsewa ka bokukuntshwane ke batho bangwe.

Banni ba re ba babaletswe ke go tseelwa lefatshe ke batswakwa mo ba setseng fela ba iphotlhere.

Mangwe a matlotlo a ba reng go utlwala bangwe batho ba a tsere ntswa morafe o sa itsisiwe ke holo e e tshwanetseng e ka bo e tsamaisiwa ke komiti ya ditlhabololo ya motse.

Tamo ya morafe le yone e kailwe fa e dirisiwa ke motho e seng morafe. 

Godimo ga moo, setsha se go neng go tshwanetse go agiwa kokelwana mo go sone, ba re le sone se ba dule diatleng.

 Go ntse go le foo banni ba re sediba sa ga Matutu le sone se tloga se ba tswa mo di atleng. Ba re sediba seo, se ka be se nosa morafe maloba ba aparetswe ke lenyora.

Mongwe wa banana ba motse, Mme Tiny Molefe o gakolotse bogogi jwa motse go baya leitlho letamo le a kaileng fa batho ba le ntshitse felo la itloso bodutu. 

A re go ka dirwa gore batho ba duelele go dirisa lefelo leo mme letseno la teng le dire ditlhabololo.

Mongwe wa banni, Rre Michael Molefi, ene o kopile gore go tsenngwe dimmithara tsa metsi fela jaaka tsa motlakase go tila ditlhwatlhwa tse di ko godimo tsa metsi.

Fa ba akgela mo lenaneong la banana, banni bangwe ba ikuetse mo go mopalamente wa bone gore puso e sekaseke dingwaga tsa banana tsa 18 go tsena 35 mme di okediwe go tswa mo go 25 go tsena 45. 

Mabaka a ba a ntshitseng ke gore banana ba dingwaga tse lesome le boherabobedi ga ba ise ba fatlhoge, ke ka moo e reng ba filwe madi a mananeo ba bo ba sa a dirise sentle. 

Ba tladitse ka gore banana ba ba dingwaga tse di fa gare ba ka dirisa madi sentle ka ba a bo ba le mo dingwageng tse di siameng sentle go ka simolola botshelo ba na le natla le thata ya go ka dira dikgwebo tse di ka isang itsholelo ya lefatshe ko pele.

E rile a ba Mopalamente Kgoroba, a kopa morafe go iketleeletsa ko diofising tsa puso go tsaya mananeo. 

A re go le gantsi batho ba emela gore go nne le mathata e bo e le gone ba tsibogang.

Godimo ga moo, le ene o iteetse kobo moroko kgang ya gore puso e fe mananeo batho ba ba nang le bokgoni kgotsa ba itekang go le gale fa a tshephisitse banni gore dikgang di tshwana le ya go oketsa dingwaga tsa banana a tlaa di fetisetsa ko palamenteng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Mogoditshane

Event : Phuthego

Date : 13 Jan 2016