Breaking News

Kwante o bolokilwe a se mmogo

13 Jan 2016

Rre Ramaijane Kwante, yo phitlho ya gagwe e neng ya tlosolosiwa kgwedi e e fetileng morago ga gore go lemogiwe fa mmele wa gagwe o se mmogo, jaanong o bolokilwe.

Rre Kwante wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano wa kgotla ya Mmaokhana kwa Chadibe, o bolokilwe kgwedi eno e robabongwe morago ga ditumelano magareng ga ba lelwapa la gagwe le sepodisi.

Motswharelela mogolwane wa sepodisi sa Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang, a re lefa moswi a bolokilwe mmele wa gagwe o se mmogo, mapodisi a tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona gore leoto la gagwe le ka tswa le kgaotswe kana le tserwe ke mang ka jaana a tlhokafetse dirwe tsa gagwe di le mmogo.

Rre Kwante o tlhokafetse kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le boraro kwa lwapeng la gagwe kwa Chadibe, mme morago a isiwa kwa kokelong ya Sefhare ka lone letsatsi leo kwa e rileng a goroga teng dingaka tsa thomamisa fa e le boammaaruri a thokafetse.

Ka lone letsatsi leo, moswi o ne a tsewa ke ba setsidifatsi sa  Lyns mo Mahalapye mmele wa gagwe o ntse o le mmogo.

Kgaruru ya gore moswi a seka a bolokwa kgwedi e fetileng e le masome a mararo le motso e tsositswe ke ba losika le badiri ba mmoshara wa Roscla kwa Sefhare ba ba neng ba lemoga fa leoto la gagwe la moja le seo fa ba ne ba mo tsenya mo setsidifatsing kwa Sefhare.

E re ntswa Superintendent Badisang a tlhalositse gore ditlhotlhomiso di supa fa leoto la monna yoo le lokololetswe mo lengoleng, mo nakong ya gompieno ga gona ope yo o ikemisetsang go rwala boikarabelo mabapi le go utswiwa ga leoto leo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 13 Jan 2016