ESP e tlaa thusa go tlhabolola matshelo
13 Jan 2016
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le diretswe go tswakanya itsholelo le go tlhabolola matshelo a Batswana.
Rre Mmatli, yo a neng a bua mo phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Lephaleng kwa Molepolole, a re batho ba tshwanetse ba tsaya lenaneo leo ka tlhwaafalo ka jaana le tsile go tlhabolola matshelo a bone.
A re dingwe tsa ditiro tse di tlaa dirwang ka lenaneo leo ke go itebaganya le temo-thuo, tlhaelo ya dikago tsa matlo a borutelo le matlo a boroko a barutabana, go tlhama ditiro le tse dingwe, a re tsholofelo ke gore beng gae ba nne le seabe mo lenaneong leo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, mopalamente o ne a tlhalosa fa go dirwa ga mesele ya kgopho ya metsi a a leswe kwa Molepolole mo go neng go solofetswe, jaanong go emisitswe gore e rulaganngwe sesha.
A re Molepolole ke motse o motona o o tshwanetseng ke go bo o na le madirelo a matona mme sekgoreletsi se se busetsang ditlhabololo kwa morago ke mesele ya metsi a a leswe.
Lefa gontse jalo o kopile banni go nna pelo telele ka gotwe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong.
Mo dikakgelong tsa bone, banni ba Lephaleng ba kopile mopalamente wa bone go emela motse ka dinao gore le one fela jaaka metse e mengwe e metona o sole molemo lenaneo la ESP.
Mongwe wa banana, Lucky Ditue ene o kopile gore makalana a CEDA le LEA a phuthe banana go ba ruta ka ditirelo tsa makalana a bone ka jaana banana ba saletse kwa morago ka go dirisa mananeo ka bontsi ka ntata ya tlhaela kitso ya go itshimololela dikgwebo.
Ba bamgwe ba tlhalositse fa lephata la bong le solegela molemo fela bomme fa go tla mo go thuseng batho ka mananeo, fa borre bone le ba iteela kwa ntle.
Mme Owageng Senoge ene o kopile puso go tsaya tsiya komiti e e tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng ka go ba neela dikatso fela jaaka dikomiti tse dingwe tsa motse.
A re ka boithaopo ja bone ba dira tiro e tona fela ya go tsamaya mo malwapeng ba lekola balwetse le go tlhomamisa gore ba bona tsotlhe tse ba di tlhokang.
A re lemme le ba le neelwang la mosepele wa go tsamaya mo malapeng le tla morago ga dikgwedi tse tlhano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Jan 2016






