Butale o akgola kgaolo
12 Jan 2016
Batsadi le barutabana ba dikolo tse di potlana kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba akgoletswe tiro e ntle e ba dikileng ba e dirile ya go ntsha maduo a a nametsang a lekwalo la bosupa
E rile a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Sechele, Mambo le masingwaneng kgwedi eno e le lesome le motso, mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale, a supa boitumelo go bo kgaolo e tsere maemo a ntlha mo maduong lekwalo la bosupa a ngwaga wa 2015 lefatshe leno ka bophara.
Mopalamente Butale o ne a tlhalosa fa seo e le maiteko a a itumedisang, ka jalo a gwetlha batsadi go tswelela ka kemonokeng le tirisanyo mmogo ya bone le barutabana, a re seo se ka ba thusa go tshegetsa serodumo seo.
A re fa batsadi ba ka tswelela ba bereka ba le seopo sengwe le barutabana, e bile ba ipha matsapa a go nna ba etela dikolo go kanoka se bana ba se dirang, seo se ka tiisa bana moko mme le monongwaga ba dire go swela.
Ka maikaelelo a go leka go tsenya mowa wa tshakgalo mo thutong mo kgaolong ya gagwe, mopalamente Butale o ne a itsese banni fa a ikaelela go rulaganya mosepele o o duelelwang wa go tsamaya ka baesekele gotswa mo kgaolong go ya Gaborone, e le ka maikalelo a go kgobokanya madi a a tla dirisiwang go rekela dikolo tsa kgaolo ya gagwe dibala makgolo ga mmogo le go di tsenya maranyane.
Mo go tse dingwe, Rre Butale o ne rotloetsa batlhophi ba gagwe go beeletsa ka go reka diabe kwa komponeng ya megala ya Botswana Telecommunication corporation (BTC), a ba tlhalosetsa fa kompone eo e buletse thekiso ya diabe go fitlha kgwedi ya Mopitlwe e le malatsi mane.
Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba supa matshwenyego a le mmalwa a a akaretsang ditsela tse di mo seemong se se maswe le tiego ya go wediwa ga ditiro tsa ipelegeng kantlha ya tlhaelo ya didirisiwa.
Ba tsweletse gape ba supa fa ba sa jesiwe diwelang ke ka fa mananeo a nyeletso lehuma le la LIMID a leng bonya ka teng go goroga kwa metseng ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Sechele
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Jan 2016






