Breaking News

Molaodi wa Kweneng o tla a letsa tobele

12 Jan 2016

Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Themba Mmusi, o tlhagisitse badirela puso ba ba senang maikaelelo a go goga nae gore malatsi a go tswelela ba direla mo kgaolong eo a tlaa ya bokhutlong. 

 Molaodi, yo a neng a bua mo phuthegong ya nyeletso lehuma kwa kgaolong potlana ya Molepolole/Lentsweletau, a re ofisi ya gagwe ga e na go baa sebete modirelapuso ope yo a senang maikemisetso a go tokafatsa tsamaiso ya go direla setshaba. 

Molaodi o ne a bua jaana a supa fa a tshwentswe thata ke dikgang tsa gangwe le gape tsa gore  kgaolo ya Mokwena e saletse morago thata mo go tsamaiseng lenaneo la go tokafatsa matshelo a batho ka go nyeletsa lehuma.

A re ope yo a yang go leka go kgoreletsa maiteko a go fefosa thulaganyo e, a itse fa tsamaiso ya puso e tlaa mo sutisa mo tseleng gore ba ba moono mongwe fela ba tswelele ka go ntsha ditirelo tsa boleng ka go goga mananeo a puso. 

Dr Mmusi a re kgaolo ya Mokwena e saletse morago mo go tshwenyang, mme a dumela gore tshwaragano ya bodiredi e le  botlhokwa thata mo go itebaganyeng le dikgwetlho tse di teng tse di kgoreletsang maiteko a go fefosa go diragadiwa ga mananeo a tshwana la nyeletso lehuma.

Molaodi o ne a tlamega go busetsa morago phuthego e  eneng e rulagantwe ke ofisi ya gagwe morago ga go supa fa a sa kgotsofadiwe ke dipego dingwe tse a neng a dumela di sa tlhapa e bile di ka seke di ise phuthego gope.

Le fa gontse jalo tsela e molaodi a neng a botsolotsa ka yone fa dipego di tsweletse, badiredi  bone ke fa e ba boifisa e bile e ba ketefaletsa tiro ka go sa ba fe sebaka sa go rola dipego pele di ka sekwasekwa.

Le fa gontse jalo molaodi o ne a gakolola fa ofisi ya gagwe e sena maikaelelo a go tshosetsa bodiredi mo go ntshiweng ga dipego, mme a patelesega go tlhagelela fa dipego di sa tlhapang teng ka maikaelelo a go leka go betla tsela go ya kwa ya pele, ka go lemoga fa di a bo di tlogetse dintlha tsa botlhokwa kwa morago.

 Molaodi o ne a tsaya tshwetso ya go busetsa phuthego morago go fitlha kgwedi eno e le masome mabedi le motso ka tsholofelo ya gore dipego di tle di tokafaditswe di supa kgatelopele. 

Le fa gontse jalo, molaodi o solofeditse go dira gotlhe mo go mo thateng ya gagwe go tlhomamisa gore ditema tse di neng di segilwe di sa wela tsa go thusa batho ba kgaolo ya Mokwena ka lenaneo la nyeletso lehuma di weditswe fa kgwedi eno e ya bokhutlong.  

A re ofisi ya gagwe ga e sa tlhole e ka amogela dipego tsa gore lenaneo le saletse morago ka ntlha ya tiego ya barekisi ba dithoto, tiego ya go duela dikgwebo, tshekatsheko le go rutintshiwa ga ba ba lebanweng ke dithuso.

A re ga a kitla a amogela dikgang dipe tsa ditiego tsa go fefosa lenaneo tse ofisi ya gagwe e sa lekodisiwang ka tsone go le pele, ka jalo bodiredi jo bo senang maikaelelo a go goga nae bo tlaa amogela ditla morago tsa bogogela thoko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Phuthego

Date : 12 Jan 2016