Breaking News

Ba kgothaditswe go dirisa mananeo

12 Jan 2016

Banni ba dikgotlana tsa Mowana, Bokaa le Xhosa 2 kwa Mahalapye ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go tlhamela Batswana ba bangwe mebereko.

Kgothatso e, e dirilwe ke modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Tassman Cebani, mo diphuthegong tse mo go tsone a neng a lekodisa batlhophi ba kgaolwana ya gagwe ka lenaneo la lephata la bong le le itebagantseng le go thusa bomme go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone.

Rre Cebani, yo e bileng e le mokhanselara wa kgaolwana ya Mahalapye Borwa, o boletse fa go le maswabi go bona Batswana, segolo jang bomme le banana ba goga dinao go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone ntswa e le bone ba tshabelelwang ke lehuma le letlhoko la ditiro.

A re e re ka basadi le banana e le bone ba tshabelelwang ke dikgwetlho tsa letlhoko la ditiro le lehuma, mmuso o tsere ditshwetso tsa go simolola mananeo a Batswana ba ka a dirisang go simolola dikgwebo di tshwana le maapeelo a borotho, tshugo ya matlalo, thuo ya dikoko tsa mae le nama, temo ya merogo le maungo, madirelo a thekiso ya diaparo, go tlhatswetsa batho diaparo le go dirisa lenaneo la LIMID go reka dihutsane.

Rre Cebani a re fa batho ba ipopile setlhopha sa batho b aka tshwara lesome e bile ba itebagantse le kgwebo e ka direlang batho ditiro ka lenaneo la Gender Affairs batho ba go nna jalo b aka thusiwa ka madi a tshwarang P500 000, mme a re fa batho bale bararo bone ba ka thusiwa ka P250 000 fa motho ale mongwe ene a ka thusiwa ka madi a tshwarang P100 000.

Mo diphuthegong tseo, modulasetilo o ne a tlanyatlanyetsa batho ka lenaneo la go rudisa itsholelo le maikaelelo a lone e leng go lwantsha letlhoko la ditiro, go tokafatsa seemo sa ditsela tse di mo metseng le go tsosolosa mhama wa temo -thuo.

E rile banni ba akgela, ba akgolela Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama le mmuso wa gagwe go simolodisa mananeo a a ka tokafatsang matshelo a Batswana jaaka la nyeletso lehuma, Ipelegeng, ISPAAD le la LIMID. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 12 Jan 2016