Balemi ba Shakwe ba kopiwa go busa peo
12 Jan 2016
Balemi ba Shakwe ba ba phakileng dipeo tsa mabele a nomoro ya 1008 ba kopilwe go di busa ka thobo ya tsone e sa siamela go jewa.
Kopo e, e dirilwe ke molemisi wa koo, Rre Sylvester Tsheole, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso ka Labotlhano.
Rre Tsheole o tlhalositse fa dipeo tseo e le tsa mabele a a dirang bojalwa e bile di sa siamela go jewa.
Mogolwane wa ofisi ya balemisi mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Mme Pelontle Seabe, le ene o ne a tlhalosa gore ba lemogile gore go na le bangwe ba ba phakileng dipeo tsa mabele a a dirang bojalwa.
Mme Seabe o tlhalositse fa mabele ao a ka dira dijo tsa leruo fa a kgaolwa pele ga a butswa.
O tlhalositse fa ISPAAD e duelela ditshenyegelo tsotlhe tsa temo fa molemi a lemile dijo tse di jewang ke batho.
A re fa molemi a lemile tsa leruo, puso e duela sephatlo sa ditshenyegelo fela.
Mme Seabe o ne a tlhalosa fa a ka seka a kgona go bua le babegadikgang kwa bothokong go tlhalosa kgang e ka botlalo.
Le fa go ntse jalo, Rre Tsheole o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore go lebega fa dipeo tseo di tswa mo khamphaning nngwe e e ikwadiseditseng go aba dipeo.
A re bone ba neela balemi dipampiri tse di ba letlelelang go tsaya dipeo mo dikhamphaning tse di ikwadisiseng le puso go aba dipeo.
Mongwe wa banni ba Shakwe, Mme Gabanapoloko Kennekae o tlhalositse fa a phakile peo eo e bile a setse a lemile. Ends
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Shakwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Jan 2016






